1MI Yehova a bua le Moshe mo likakeñ tsa Moaba ha Yoredane oa Yeriko, a re,
2Laola bana ba Yeserele go naea Baleva metse ea go nnoa, ea boshua yo bo ruiloeñ yoa bona; le lintlana tsa metse tikologoñ ea eona, lo li nee Baleva.
3Mi ba tla na le metse e go e nna; mi lintlana tsa eona li tla na tsa khomu tsa bona, le tsa lithoto tsa bona, le tsa tse ri tserileñ tsa bona cotle.
4Mi lintlana tsa metse e lo tla e naeañ Baleva, li tla simologa ka rako loa motse le go ea eintle likubeta li uan thousanda tikologoñ.
5Mi lo lekanye kua eintle ga motse likubeta li tu thousanda eintleñ ea Iseta, le likubeta li tu thousanda eintleñ ea Souta, le likubeta li tu thousanda eintleñ ea Ueseta, le likubeta li tu thousanda eintleñ ea Noreta; mi motse o ha gare: ba tla na le tseuo go na lintlana tsa metse.
6Mi ga metse e lo tla e naeañ Baleva, a metse e sekes ea botsabelo e ne go eona e lo e laolelañ molaei, gore a tsabele go eona: mi lo ba nee metse e forte‐tu bogolu go euo.
7Metse eotle e lo tla e naeañ Baleva a e ne metse e forte‐eit: eona le lintlana tsa eona.
8Metse e lo tla e naeañ a e ne ea boshua yoa bana ba Yeserele: lo tsee mentsi ea ba ba nañ le e le mentsi; mi lo tsee menye ea ba ba nañ le e le menye: a moñue le moñue a nee Baleva ga metse ea gague kaha boshueñ yoa gague yo o bo ruileñ.
9¶ Mi Yehova a bua le Moshe, a re,
10Bua le bana ba Yeserele, mi u ba ree, Ere lo sina khabaganya Yoredane lo ea hatsiñ ya Kanana;
11Erehe gona lo itaolelañ metse, go na metse ea botsabelo go lona; gore molaei eo o bolaileñ moñue ka timelo a tsabele gona.
12Mi metse euo e tla na botsabelo go lona kaga moshulosi; gore molaei a si shue, e tsamaea a emela tsekisho ha pela ga kokoano.
13Mi metse e lo tla e naeañ lo ne le metse e sekes ea eona ea botsabelo.
14Lo nee metse e le teri boseyeñ yonu yoa Yoredane, mi lo nee metse e le teri mo hatsiñ ya Kanana; e tla na metse ea botsabelo.
15Metse euo e sekes e tla na botsabelo yoa bana ba Yeserele, le yoa moeñ, le yoa eo o tlolatlolañ go bona: gore eo o bolaeañ mothu ka timelo a tsabele gona.
16Mi ha a mo daea ka señue sa tsipi, mi a shua, ki molaei: a molaei eo, a bolaeloe rure.
17Mi ha a mo gatla ka go konopa leincue ye le ka bolaeañ mothu, mi a shua, ki molaei: a molaei eo, a bolaeloe rure.
18Khotsa ha a mo daea ka señue sa logoñ se se ka bolaeañ mothu, mi a shua, ki molaei: a molaei eo, a bolaeloe rure.
19A moshulosetsi mari a bolaee molaei: ha a khatlana nae, a a molaee.
20Mi ha a mo khorometsa ka kilo, khotsa go mo konopela kago mo lalela, mi a shua;
21Khotsa go mo tlanya ka tloo, mi a shua: a eo o mo tlantseñ, a bolaeloe rure; ki molaei: a moshulosetsi mari a bolaee molaei eo, ha a khatlana nae.
22Mi ha a mo khorometsa ka bonako, esiñ ka tloo, leha e le go mo konopa ka señue, esiñ ka go mo lalela,
23Leha e le ka leincue, ye le ka bolaeañ mothu, a le mo oseritse a sa mone, mi a shua, mi e si maba oa gague, mi a sa batle go mo shulatsa:
24Erehe gona kokoano e siamisañ gare ga molaei le moshulosetsi mari kaha tsekishoñ tseuo:
25Mi a kokoano e golole molaei mo atleñ sa moshulosetsi mari: mi phuthego e tla mosetsa mo motseñ oa gague oa botsabelo, o o la a tsabela go ona: mi a a nne gona e tsamaee moperiseti eo mogolu a shue, eo o tloricoeñ ka loukuane lo lo itsephileñ.
26Mi ha molaei a coela kua eintle ga meleloane ea motse oa gague oa botsabelo, o o tsabetseñ go ona;
27Mi ha moshulosetsi mari a mona kua eintle ga meleloane ea motse oa gague oa botsabelo, o o tsabetseñ go ona, mi moshulosetsi mari a bolaea molaei; ga a kitla a na le molatu oa mari:
28Gone a ko a nntse mo motseñ oa gague oa botsabelo go ea loshuñ loa moperiseti eo mogolu: mi molaei o ka boela hatsiñ ya gague ya boshua morago ga loshu loa moperiseti eo mogolu.
29Mi tseuo, a li ne taeo ea tsiamisho mo kokomaneñ tsa lona mo maagoñ a lona aotle.
30Leha e le mañmañ eo o bolaeañ mothu, a molaei a bolaoe ka melomo ea bashupi: mi a moshupi a le moñue a si shupele mothu loshuñ.
31¶ Mi lo si tsele botselo yoa molaei eo o ikepetseñ loshu thuanyo: a a bolaeloe rure.
32Mi lo si tsele eo o tsabetseñ go motse oa gague oa botsabelo thuanyo, gore a boee go nna mo hatsiñ e tsamaea moperiseti a shua.
33Yalo lo si itsepholole lehatsi ye lo go yeona: gone mari a itsepholola lehatsi: mi lehatsi ga le kake ya ruanye-rioa mari a a culogetseñ go yeona, ha e si ka mari a gague eo o a culotseñ.
34Ki gona si itsekololeñ lehatsi ye lo tla le nnañ, ye ki nntseñ go yeona: gone ki Yehova eo o nnañ mo baneñ ba Yeserele.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.