Ponatsego 9 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 9.

1MI moengele oa bo‐faev a rumisa, mi ka bona naleri e oela ha hatsi e coa legorimoñ; mi e necoe sekopelo sa molete o o sa khutleñ.

2Mi ea khurumolola molete o o sa khutleñ; mi musi oa coa mo moleteñ, yaka musi oa bokepisho yo bogolu; mi letsatsi le loapi ga hihiharioa ki musi oa molete.

3Mi ga tla litsie mo lehatsiñ li coa mo musiñ, mi li necoe thata, yaka liphepheñ tsa lehatse li na le thata.

4Mi li laolecoe, gore li si senye boyañ yoa lehatse, le esiñ botalana bope, le esiñ setlare señue; ha e si bathu bosi ba ba sinañ sekano sa Morimo mo phatleñ tsa bona.

5Mi tsa bo li necoe thata, gore li si ba bolaee, mi gore li ba tlukuhatse ka khueri li faev; mi botluku yoa cona yoa bo bo cuana yaka botluku yoa phepheñ, ha e tlabile mothu.

6Mi bathu, ba tla batla loshu mo metleñ eouo, mi ga ba kitla ba lo bona; mi ba tla eletsa go shua, mi loshu lo tla ba tsaba.

7Mi cuano ea litsie e le entse yaka lipitse tse ri etlelericoeñ tlabano; mi gabo gole liroalo tsa bogosi yaka gouda mo tlogoñ tsa cona, mi lihatlogo tsa cona li cuana yaka lihatlogo tsa bathu.

8Mi li na le moriri yaka moriri oa basari, mi meno a cona a cuana yaka meno a litau.

9Mi li na le thebe tsa lihuba, li cuana yaka thebe tsa lihuba tsa tsipi, mi morumo oa o liphuka tsa cona, o cuana yaka morumo oa licariota tsa lipitsi li le lintsi, ha li tabogela tlabanoñ.

10Mi li na le megatla yaka liphepheñ, mi li na le lipolela mo megatleñ ea cona; mi thata ea cona e le le go tlukuhatsa bathu ka khueri li faev.

11Mi li na le khosi ea cona, moengele oa molete o o sa khutleñ, eo leina ya gague e leñ Abadone mo puoñ ea Sehebera, mi a na le leina ga gague Apolione mo puoñ ea Segerika.

12Tatlego ñue e hetile; mi bonañ, go sa tla tatlego li tu kua morago.

13Mi moengele oa bo‐sekes a rumisa, mi ka utlua koru mo nakeñ li le for tsa aletara ea gouda e e ha pele ga Morimo,

14E raea moengele oa bo‐sekes eo o nañ le terompeta, Hunolola baengele ba for ba ba golegiloeñ ha nokeñ e e kholu ea Euferate.

15Mi baengele ba for ba gololoa, ba ba le ba etlelericoe oura, le tsatsi, le khueri, le ñuaga, gore ba bolaee ntla ea bo‐teri ea bathu.

16Mi palo ea ntua ea bapalami, e le le tu meriada ea meriada: mi ka utlua palo ea bona.

17Mi ka bona le cona lipitse mo sepontsishoñ, le ba ba li palameñ, ba na le thebe tsa lihuba tsa molelo, le tsa bobururu yoa legorimo, le tsa sulefura; mi tlogo tsa lipitse li cuana yaka tlogo tsa litau, mi go elela mulelo, le musi, le sulefura mo melomoñ ea cona.

18Ntla ea bo‐teri ea bathu ea bolaoa, ki lipeco li le teri tse, eboñ ka molelo, le ka musi, le ka sulefura, tse ri elelañ molomoñ ea cona.

19Gone thata ea cona e mo melomoñ ea cona, le mo megatleñ ea cona; gone megatla ea cona e cuana yaka linoga, mi li na le litlogo; mi li senya ka cona.

20Mi bathu ba ba setseñ ba ba sa balaoeñ ki litsenyo tse, ba si ka ba ikuatlaela tiho tsa atla tsa bona, gore ba si obamele bademona, le merimo ea liseto ea gouda, le ea selevera, le ea khotlo, le ea leincue, le ea logoñ; e e sa boneñ, leha e le go utlua, leha e le go tsamaea;

21Mi le gona ba si ka ba ikuatlaela lipolao tsa bona, leha e le litoo tsa bona, leha e le khokahalo tsa bona, leha e le bogoru yoa bona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help