1MORIMO oa me, Morimo oa me, u ’nteseleritseñ, u khakala yañ go thusho ea me, le go mahuku a liphegelo tsa me?
2Morimo oa me, kia bitsa ka motsegare, mi ga u arabe; le ka bosigo, mi ga ki na tirimalo.
3Mi uena u boitsepho, u agile mo lipakoñ tsa Yeserela.
4Bo‐rra ecu ba le ba gu ikanya; ba le ba ikanya, mi u lu ua ba golola.
5Ba le ba gu bitsa, mi ba gololoa; ba le ba gu ikanya, mi ga ba ka ba tlayoa ki litloñ.
6Mi ’na ki seboku, mi esiñ monona: khobo ea bathu, le nyarioe ki bathu.
7Botle ba ba ’mponañ ba ’ncotla; ba entsa pounama, ba thukhutha tlogo, ba re,
8O la ikanya Yehova, gore a mo thuse, a a mo golole ka e le hoñ a nateheloa ki ena.
9Uena ki uena eo o ’nntsitseñ mo sebopeloñ; eo o ’nculuheritseñ ka ki le mo mabeleñ a ga mme.
10Ki sale ki latleloa go uena ki sa coa mo sebopeloñ; u Morimo oa me ki sa coa mo empeñ ea ga mme.
11U si ne khakala go ’na, gone tlalelo e gauhe; gone ga go na mothusi ope.
12Lipoo tse lintsi li ’mphotse; lipoo tse ri thata tsa Bashan li ’ntikanyeritse.
13Li ’nkatlamiseritse maganu a cona, yaka tau e e rumañ e e gagolañ.
14Ki culocoe yaka metse, mi marapo a me aotle a khuiegile; pelu ea me e cuana le makhaha; e tlapologile mo boteñeñ yoa me.
15Thata ea me e omile yaka lo-phego; mi loleme loa me lo ñaparetse magalapa a me; mi ua ’nthobatsa mo roleñ loa loshu.
16Gone linca li ’mphotse; mi phuthego ea barihalibe e ’ntikanyeritse; ba tlabile atla tsa me le linao tsa me.
17’Nka bala marapo a me aotle; ba bona, ba leba mo go ’na.
18Ba abalana aparo tsa me, mi ba tselela kobo ea me likelero.
19Mi Yehova, u si ne khakala go ’na; uena thata ea me, u akohele thushoñ ea me.
20Hunulola moea oa me mo cakeñ, le moesi oa me mo thateñ ea enca.
21’Nkholola mo molomoñ oa tau; mi ’nkaraba u ’nkholole mo nakeñ tsa licukuru.
22Eriha gona ki tla bulelelañ bana ba ga rre leina ya gago; mi ki tla gu baka mo gareñ ga phuthego.
23Lona ba lo boihañ Yehova, makeñ; lona losika lotle loa Yakoba, mo galaletseñ; mi lona losika lotle loa Yeserela, moiheñ.
24Gone ga a ka a nyatsa, khotsa go ila pogisho ea mogisioi; le esiñ go mo shubela sehatlogo sa gague, mi o la utlua ka a biletsa go ena.
25Pako ea me e tla na ga gago, mo phuthegoñ e kholu; ki tla leha maikano a me ha pele ga bona ba ba moihañ.
26Bahumanegi ba tla ya ba khora; ba ba batlañ Yehova ba tla maka; pelu tsa bona li tla tsela ka bosina bokhutlo.
27Likhutlo cotle tsa lehatsi li tla gopola, mi li tla boela go Yehova; mi litsika cotle tsa baeteni li tla obamela ha pele ga sehatlogo sa gago.
28Gone bogosi, e le yoa Yehova, mi ki ena mobusi mo baeteniñ.
29Bahumi botle ba ba mo hatsiñ ba tla ya ba obamela; botle ba ba hologelañ mo loroleñ, ba tla khubama ha pele ga sehatlogo sa gague; le eo o sa kakeñ a buluka botselo yoa gague.
30Peu e tla mo rihela; e tla baloa ea Yehova.
31Ba tla tla, ba bulelela losika lo lo rularañ tsiamo ea gague, le go bathu ba ba tla tsaloañ, ha e le ena eo o rihileñ yalo.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.