1MI ga rihala mo Ikonio, ka ba tsena mogo mo senagogeñ sa Bayuda, mi yalo ba bua ga tsamaea bontsi yo bogolu yoa Bayuda le Bagerika ba rumela.
2Mi Bayuda ba ba le ba sa rumele, ba tlotleletsa bahaitene, ba shulatsa lipelu tsa bona kaga bakauleñue.
3Mi yalo ba tlola gona ka motla o molele, ba bua ka thanolo mo Moreneñ, eo o nelañ lehuku ya tsegohaco ea gague cupo, mi a naea gore licupo le rikhakhamaco li rihoe ka atla tsa bona.
4Mi bontsi yoa motse yoa khaogañoa; mi bañue ba na le Bayuda, mi ba bañue le baapostoloi.
5Mi erile go rihala tlaselo ea bahaitene le ea bona Bayuda le balaori ba bona, go ba rihela mashue, le go ba khobotletsa ka maye,
6Ba sina gakologeloa cotle, ba tsabela Lusetera, le Derebe, ki metse ea Lukaonia, le mo lithokoñ tsa eona;
7Mi ba rera evangelio gona.
8¶ Mi ga bo go rutse monona mo Lusetera, a tlotsa mo linaoñ tsa gague, a tlotsitse le mo sebopeloñ sa ga mague, eo e siñ a ke a tsamaee gope;
9Eo, a utlua Paulo a bua; eo a mo leba thata, a lemoga ha a na le tumelo go horisioa,
10A re ka koru e kholu, Ema, u siame ka nao tsa gago. Mi a nanoga ka bonako, a tsamaea.
11Mi ka bontsintsi bo bona se Paulo o se rihileñ, yoa culetsa koru tsa yona, yoa re, mo puoñ ea Lukaonia, Merimo e hologetse go rona mo licuanoñ tsa bathu.
12Mi ba bitsa Barenaba ka leina ya Yupita; mi Paulo, Merekurio, gone e le le mui eo mogolu.
13Mi moperiseti oa ga Yupita eo o a la le ha pele ga motse oa bona, o rile a sina lere likhomu, le mekhabo ea lisheshe ha khoroñ tse ri kua ntle, ba rata go shupela cupelo le bontsintsi.
14Mi baapostoloi Barenaba le Paulo, ka ba utlua yalo, ba gagola liaparo tsa bona, ba tabogela mo bontsiñ, ba bitsa,
15Ba re, Banona, ana lo rihelañ lilo tseuo? Re bathu ba re nañ le maikutlo a a cuanañ le a lona, mi re lo rerela gore lo ipose mo liloñ tse tsa boithamako go ea go Morimoñ o o tserileñ, o o rihileñ legorimo le lehatse, le leoatle, le cotle tse ri mo go eona;
16O o leseleritseñ bahaitene botle go tsamaea mo tseleñ tsa bona, mo metleñ e e hetileñ.
17Leha gontse yalo ga oa ka oa itesa o sina cupo, ka o rihile molemo, go re naea pula e coa mo legorimoñ, le metla ea mauñuo, go tlatsa pelu tsa lona ka liyo le boitumelo.
18Mi e le le pitlaganyo go bona go thiba bontsintsi ka mahuku auo gore bo si ba shupele licupelo.
19¶ Mi gabo go tla Bayuda ba ba coañ Antioka, le Ikonio, ba gakolola bontsintsi; mi ka ba sina khobotletsa Paulo ka maye, ba mo khokhothisetsa ntle ga motse, ba itloma a shule.
20Mi erile ka barutoa ba sina mo rikanyeletsa, a nanoga a tsena mo motseñ; mi eare ka mosho a coa le Barenaba mi ba ea kua Derebe.
21¶ Mi ka ba sina rerela motse o evangelio, mi ba riha barutoa bantsi, ba boela kua Lusetera, le Ikonio, le Antioka,
22Ba tlomamisa meoea ea barutoa, ba ba kaela gore ba ne mo tumeloñ, mi ha re tla tsena mo bogosiñ yoa Morimo ka pogisho li lintsi.
23Mi ka ba sina itseñkela bagolu ka go ntsa liatla mo ekelesieñ ñue le ñue, ba rapela ka go bisa go ya, ba ba kaelela Moreneñ eo ba rumelañ mo go ena.
24Mi ka ba sina ralala Pisidia, ba hitla Pamfilia.
25Mi ka ba sina rera lehuku mo Perege, ba ea kua Atalia;
26Mi ba coa hoñ, ba ea kua Antioka ka shepa, kua ba kaelecoeñ tsegohaco ea Morimo gona, mo tihoñ e, ba e rihaharitseñ.
27Mi ka ba sina hitla, ba phutha ekelesia mogo, ba bulela bokai yoa lilo tse ri kholu tse Morimo o ri rihileñ nabo, le kaha o buletseñ bahaitene moyako oa tumelo.
28Mi ba na gona ka motla o molele le barutoa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.