Ponatsego 7 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 7.

1MI morago ga tse ka bona baengele ba for, ba eme mo khokhocoñ tsa lehatse li le for, ba tsegeritse pheho li le for tsa lehatse, gore go si hoke pheho epe mo lehatsiñ, le esiñ mo leoatleñ, le esiñ mo setlariñ sepe.

2Mi ka bona moengele eo moñue a tlatloga a coa kua botlabo‐tsatsi, a na le sekano sa Morimo o o tserileñ; mi a biletsa ka koru e kholu go baengele ba for, ba ba le ba necoe thata go senya lehatse le leoatle,

3A re, Si senyeñ lehatse, leha e le leoatle, le esiñ litlare, go tlo go tsamaee re kane batlañka ba Morimo oa rona mo phatleñ tsa bona.

4Mi ka utlua palo ea bona ba ba kanoeñ. Ba le uan hundereda le forte for thousanda, ba ba kanoeñ ba tsika cotle tsa bana ba Yeserela.

5Ba loco loa ga Yude ba kanoe, ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Reubene ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Gade ba kanoe ba tuelev thousanda.

6Ba loco loa ga Ashere ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Nafetale ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Manase ba kanoe ba tuelev thousanda.

7Ba loco loa ga Simeone ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Leve ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Yitsakare ba kanoe ba tuelev thousanda.

8Ba loco loa ga Sebulone ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Yosefe ba kanoe ba tuelev thousanda. Ba loco loa ga Benyamine ba kanoe ba tuelev thousanda.

9Morago ga mouo ka bona, mi bonañ, bontsi yo bogolu yo bo sa kakeñ yoa baloa ki ope, yo bo coañ mo meraheñ eotle, le litsika, le bathu, li lipuo, bo eme ha pele ga serulo sa bogosi, le ha pele ga Kuana, bo apere aparo tse ri cueu tse ri khokhothañ, le likala tsa mekolane mo atleñ tsa yona;

10Mi bo bitsa ka koru e kholu, bo re, Puluko e ne Morimoñ oa rona, o o rutseñ mo seruloñ sa bogosi, le go Kuana.

11Mi baengele botle ba ema ba hola serulo sa bogosi, le bagolu, le tse ri tserileñ, mi ba oela ka lihatlogo tsa bona ha pele ga serulo sa bogosi, mi ba obamela Morimo,

12Ba re, Amena; Tsegohalo, le khalalelo, le botlale, le boitumelelo, le tlotlo, te thata, le bonatla, li ne go Morimo oa rona ka bosina bokhutlo yotle. Amena.

13Mi moñue oa bagolu a araba, a ’nthaea, E bo mañ ba ba apereñ aparo tse ri cueu, tse ri khokhothañ? mi ba coa kae?

14Mi ka mo raea, Morena, go itse uena. Mi a ’nthaea, Ba, ki ba ba ruleñ mo pogishoñ tse ri kholu, mi ba tlacuitse aparo tse ri khokhothañ tsa bona, mi ba li shueuharitse mo mariñ a Kuana.

15Ki gona ba leñ ha pele ga serulo sa bogosi sa Morimo, mi ba o rihela tsatsi le bosigo mo tempeleñ ea ona; mi eo o rutseñ mo seruloñ sa bogosi o ta ba rutihalela.

16Ga ba kitla ba tlola ba utlua tlala, le gona ga ba kitla ba tlola ba nyoroa; le letsatsi ga le kitla le ba tlabela, le esiñ mogote ope.

17Gone Kuana e e ha gare ga serulo sa bogosi e tla ba hurisa, mi e tla ba gogela kua mecoeriñ ea metse a a tserileñ; mi Morimo o tla phimola likeleri cotle mo maitloñ a bona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help