2 Litihalo 30 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 30.

1MI Yehisikie a romela go Bayeserela le Bayuda botle, le gona a kualela Baeferaima le Bamanasa liepisetole, gore ba tle go tluñ ea Yehova mo Yerusalema, go rihela Yehova Morimo oa Bayeserela Tlolaganyo.

2Gone khosi ea gakololana le balaori ba eona, le phuthego eotle ea Yerusalema, go riha Tlolaganyo ka khueri ea bo‐tu.

3Gone ba sa kake ba e riha ka motla ouo, gone baperiseti ba si ka ba itsephisa thata, le gona bathu ba si ka ba phuthegela Yerusalema.

4Mi seo sa bo se siame mo maitloñ a khosi le phuthego eotle.

5Mi ba tlomamisa lehuku ye, ba utluatsa koru mo Bayesereleñ botle, go simolola ka Bera‐sheba go ea Dana, gore ba tle go rihela Yehova Morimo oa Bayeserela Tlolaganyo mo Yerusalema: gone ba si ka ba e riha gale yaka go kuariloe.

6Mi batabogi ba na le liepisetole tsa khosi le likhosana tsa eona, ba ea kua Bayesereleñ le kua Bayudeñ botle, kaha taoloñ ea khosi, tsa re, Lona bana ba Yeserele, boelañ go Yehova Morimo oa Aberahame, le Yitsake, le Yeserele, mi o tla iposetsa go masaleleñ a lona, ba lo pherileñ mo atleñ tsa likhosi tsa Asiria.

7Mi lo si ne yaka bo‐rra enu, le yaka bana ba rra‐enu, ba ba tloletseñ Yehova Morimo oa bo‐rabo; ki gona o ba neletseñ tsenyego, yaka lo bona.

8Mi lo si thatahatse thamo tsa lona yaka bo‐rra enu, lo inele Yehova, mi lo tsene mo heloñ ga gague ga itsepho, ha o go tsephisitseñ ka bosakhutleñ: mi rihelañ Yehova Morimo oa lona, gore bogale yo bo hisañ yoa gague bo boee go lona.

9Gone ha lo shukulogela Yehova, bana ba rra‐enu le bana ba lona, ba tla utlueloa botluku ki bona ba ba ba cuereñ, gore ba boele go hatsiñ ye: gone Yehova Morimo oa lona o botsalano le boutluelo botluku, mi a si kitla a tlosa hatlogo sa gague go lona, ha lo boela go ena.

10Mi batabogi ba tlotlolaganya motse le motse, mo hatsiñ ya Eferaima le Manasa le kua Sebulona: mi ba ba tsega ba ba shotla.

11Leha gontse yalo bañue ba Ashera le Manasa, le ba Sebulona ba ikatisa, ba ea Yerusalema.

12Le mo Bayudeñ atla sa Morimo se le se le gona go ba naea pelu e le eñue go tsegetsa taolo ea khosi le likhosana, ka lehuku ya Yehova.

13¶ Mi ga phuthegela Yerusalema bathu bantsi, go riha moletlo oa señkhue se se sa berisioañ ka khueri ea bo‐tu, e le le phuthego e kholu bogolu.

14Mi ba nanoga ba tlosa lialetara tse li li mo Yerusalema, mi ba tlosa lialetara tsa ensense cotle, mi ba li latlela mo molacoaneñ oa Kederona.

15Ereha gona ba tlabañ Tlolaganyo ka tsatsi ya bo‐forten ya khueri ea bo‐tu: mi baperiseti le Baleva ba na litloñ, mi ba itsephisa, ba isa cupelo tsa phisho mo tluñ ea Yehova.

16Mi ba ema boemoñ yoa bona kaha mokhueñ oa bona, le kaha molaoñ oa Moshe monona oa Morimo: baperiseti ba khatsa mari a ba a culañ mo atleñ tsa Baleva.

17Gone bantsi ba phuthego ba si ka ba tsephioa: ki gona Baleva ba nañ le taolo go tlabelela moñue le moñue eo o sa itsekañ Litlolaganyo, go ba tsephela Yehova.

18Gone bontsi yoa bathu, eboñ bontsi yoa Baeferaima, le Bamanasa, le Bayisakara, le Basebulona, ba si ka ba itsekisa, leha gontse yalo ba ya Tlolaganyo, esiñ kaha go kuariloeñ ka gona. Mi Yehisikie a ba rapelela, a re, A Yehova oa molemo a ruanye

19 Eo o bakantseñ pelu ea gague eotle go batla Morimo, Yehova Morimo oa bo‐rague, leha e si kaha itsekishoñ ea helo ga boitsepho.

20Mi Yehova a retsa Yehisikie, mi a horisa bathu.

21¶ Mi bana ba Yeserele ba ba bonoañ mo Yerusalema ba riha moletlo oa señkhue se se sa berisioañ ka malatsi a seven ka boitumelo yo bogolu: mi Baleva le baperiseti ba baka Yehova ka tsatsi le tsatsi ka lilo tsa kopelo tsa Yehova tse ri thata.

22Mi Yehisikie a bua le Baleva botle ka khobisho pelu ba ba rutañ ka kico ea Yehova e e molemo: mi ba ya litlabelo tsa moletlo ka malatsi a seven, ba tlabela cupelo tsa tebogo, ba baka Yehova Morimo oa bo‐rabo.

23Mi phuthego eotle ea gakololana go riha moletlo ka malatsi a seven a mañue: mi ba riha yalo ka malatsi a seven ka boitumelo.

24Gone Yehisikie khosi ea Yuda a naea phuthego lipoana li uan hundereda le liñku li seven thousanda; mi likhosana tsa naea phuthego lipoana li uan thousanda le liñku li ten thousanda: mi bontsi yoa baperiseti ba itsephisa.

25Mi phuthego ea Yuda eotle, le bona baperiseti le Baleva, le phuthego eotle e e le ea coa Bayesereleñ, le baeñ ba ba coañ mo hatsiñ ya Bayeserela, le ba ba nntseñ mo Yudeñ, ba itumela.

26Mi ga na boitumelo yo bogolu mo Yerusalema: gone e sale ka motla o Solomone moroa Davide e le le khosi ea Bayeserela ka ona, gole go e si go ke go ne yalo mo Yerusalema.

27¶ Ereha gona baperiseti le Baleva ba nanogañ ba tsegahatsa bathu: mi koru ea bona ea utluoa, gone morapelo oa bona oa hitla go bonnoñ yoa Yehova yoa boitsepho mo legorimoñ.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help