1MI malatsi a faev morago ga mouo, ga tla Ananie moperiseti eo mogolu, a na le bagolu, le mueleri moñue eo o birioañ Teretulo, ba ba iponatsañ ba pele ga molaori kaga Paulo.
2Mi o rile a sina birioa, Teretulo a simolola go mo latuhatsa, a re,
3Feli oa tlotlego, a ere ka re na le kagisho e kholu ka uena, mi le gona tiho tse ri molemo li rihecoe morahe o ka tlamelo ea gago; tse re li tsaea ka gale, le mo maheloñ aotle ka boitumelelo yotle.
4Mi gore ki si gu rie, kia gu rapela gore u re utlue mahuku manye ka tsalano ea gago.
5Gone re bonye monona eo e le lecuenyo, eo o tlotleletsañ khuruego mo Bayudiñ botle mo hatsiñ yeotle, morena oa leshomo ya Banasarini;
6Eo o lekileñ go leshuehatsa le eona tempela; eo re mo cuereñ, mi ra rata go mo sekisa kaha molaoñ oa rona;
7Mi Lusie eo mogolu a tla go rona, mi a mo ntsa mo atleñ tsa rona ka thata e kholu,
8A laola balatuhatsi ba gague go tla go uena; ba u ka ba botsisañ, gore u itse cotle tse re li mo latuhatsañ.
9Mi Bayuda le bona, ba rumela, ba re, Lilo tse lintse yalo.
10Mi Paulo, erile molaori a sina mo goetla, gore a bue, a araba, Ere ka ki itse u lu le moatlori oa morahe o, ka linyaga li lintsi, ki gona ki ikarabelañ ka boikanyo bogolu;
11Ereka u ka itse, ha e le malatsi a tuelev ga tsatsi ye ki tlileñ mo Yerusalema go obamela.
12Mi ga ba ka ba ’mpona ki ganela le ope mo tempeleñ, khotsa ki riha tlotleleco mo bathuñ, le esiñ mo masenagogeñ, le esiñ mo motseñ;
13Le gona ga ba kake ba tlomamisa lilo tse ba ’ntatuhatsañ ka cona.
14Mi se kia se gu ipobolela, ha ki rihela Morimo oa bo‐rra ba me mo thutoñ e ba e bitsañ leshomo, ki rumela cotle tse ri kuariloeñ mo molaoñ, le mo baperofetiñ;
15Mi ki na le culuhelo mo Morimoñ, e le bona ba e lebelelañ, ha go tla na cogo ea bashui, ea basiami le ea basiamolori.
16Mi ki itloaetsa mo seoñ se, gore ki ne le segakolori se se sinañ khopo mo Morimoñ, le mo bathuñ.
17Mi yana morago ga linyaga li lintsi ki le ka tla go lere likaco, le licupelo go morahe oa me.
18Ka mouo Bayuda bañue ba ba coañ mo Asia, ba ’mphitlela ki itsephile mo tempeleñ, esiñ le bathu, le esiñ ka khuruo.
19Ba, ba cuanetse go na ha, ha pele ga gago, go ’ntatuhatsa, ha ba na le señue kaga me.
20Leha e le ba, ba ba hanu, a ba bulele ha ba bonye tsiamololo epe mo go ’na, ka ki sa eme ha pele ga tseko,
21Ha e si mo hukuñ ye leñue ye, ye ki le ka le bitsa ki eme mo go bona, ka re, Ki sekisioa gompienu ki lona, ka ntla ea cogo ea bashui.
22Mi ka Feli a sina utlua yalo, a ba beisa pelu, a re, Ki tlare ki sina tlaloganya seiñtle ga thuto e, mi etlare Lusie eo mogolu a sina tla, ki tla botsisa rure mo liloñ tsa lona.
23Mi a laola mosenturi go buluka Paulo, le go mo iketlisa, esiñ go thiba ope oa ba gague go mo thusa, khotsa go tla go ena.
24Mi morago ga malatsi mañue, ga tla Feli le mogatse Durusile, eo e leñ Moyuda, a bitsa Paulo, a mo utlua ga tumelo mo go Keresete.
25Mi erile ka a sa rera ga tsiamo, le tekano, le tsekisho e e tla tlañ, Feli a roroma, mi a araba, Yana u ka ea; mi ki tlare ki sina bona lobaka lo loiñtle ki tla gu biletsa go ’na.
26Le gona a lebelela ha lireko a tla li neoa ki Paulo, gore a mo golole; mi a mitsa ka gantsi ka mouo go bua nae.
27Mi ka linyaga li tu li sina heta, Porokio Fesito a tla mo boemoñ yoa ga Feli; mi Feli ka a rata go khatla Bayuda a tlogela Paulo mo kholegoñ.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.