1MI Yehova a raea Moshe, Bona, ki gu rihile Morimo go Faroe: mi Arone mogoluü o tla na moperofeti oa gago.
2U bue cotle tse ki li gu loalelañ: mi Arone mogoluü o tla bua le Faroe, gore a lese bana ba Yeserele ba coe mo hatsiñ ya gague.
3Mi ki tla thatahatsa pelu ea ga Faroe, mi ki tla intsihatsa cupo tsa me, le khakhamaco tsa me mo hatsiñ ya Egepeto.
4Mi Faroe ga a kitla a lo retsa, mi ki tla latsa atla sa me mo go Egepeto ka go entsa lintua tsa me, eboñ bathu ba me mo hatsiñ ya Egepeto, ka tsekisho tse ri kholu.
5Mi Baegepeto ba tla itse ha e le ’na Yehova, mogañ ki otlolelañ Egepeto atla sa me, ki entsa bana ba Yeserele mo go bona.
6Mi Moshe le Arone ba le ba riha yaka Yehova a ba laoletse, ba riha yalo.
7Mi Moshe o la a le nyaga li eite, mi Arone o la a le nyaga li eite‐teri, ka ba bua le Faroe.
8¶ Mi Yehova a bua le Moshe le Arone, a re,
9Ere mogañ Faroe o buañ le lona, a re, Lo itihele cupo ea khakhamaco: ereha gona u ka raeañ Arone, Tsaea tsama ea gago, u e latlele ha pele ga Faroe, mi e tla hetoga noga.
10¶ Mi Moshe le Arone ba ea go Faroe, mi ba riha yalo yaka Yehova a ba laoletse: mi Arone a latlela tsama ea gague ha pele ga Faroe, le ha pele ga batlañka ba gague, mi ea hetoga noga.
11Ereha gone Faroe le ena o bitsañ matlale, le baloi: mi liñaka tsa Seegepeto le cona tsa riha hela yalo ka mereo ea cona.
12Gone eñue le eñue ea latlela tsama ea eona, mi tsa hetoga linoga: mi tsama ea ga Arone ea metsa tsama tsa cona.
13Mi pelu ea ga Faroe ea thataharioa, ea tsamaea a se ka a ba retsa; yaka Yehova a la a bua.
14¶ Mi Yehova a raea Moshe, Pelu ea ga Faroe e imahetse, o gana go lesa bathu go ea.
15Ea go Faroe go sa le mosho; bona, o tla ea kua metseñ; mi u eme ha lintsiñ tsa noka a tsamaea a tle; mi tsama e e lea hetoga noga u e tsee mo atleñ sa gago.
16Mi u mo ree, Yehova Morimo oa Bahebera o ’nthometse go uena, a re, Lesa bathu ba me ba ee, gore ba ’ntihele bogareñganaga: mi bona, le go yana ga ua ka ua utlua.
17Go bua yalo Yehova, U tla itse ka seo se ha e le ’na Yehova: bona, ki tla daea metse a a mo nokeñ ka tsama e e mo atleñ sa me, mi a tla hetoga mari.
18Mi litlapi tse ri mo nokeñ li tla shua, mi noka e tla eñkha seboru: mi Baegepeto ba tla itapisa go noa metse a noka.
19¶ Mi Yehova a raea Moshe, Raea Arone, Tsaea tsama ea gago, mi otlololela atla sa gago gorimo ga linoka tsa Baegepeto, le gorimo ga kelelo tsa bona, le gorimo ga melapo ea bona, le gorimo ga matsa a bona, le gorimo ga mariba a bona, gore a ne mari; gore mari a ne mo hatsiñ yeotle ya Egepeto, mo lipakoñ tsa likhoñ, le mo lipakoñ tsa maye.
20Mi Moshe le Arone, ba riha yaka Yehova a la a laola; mi a culetsa tsama, mi a daea metse a a mo nokeñ, ha pele ga maitlo a ga Faroe, le ha pele ga maitlo a batlañka ba gague; mi metse aotle a a mo nokeñ a hetoga mari.
21Mi litlapi tsa noka tsa shua; mi noka ea eñkha seboru; mi Baegepeto ba sa kake ba noa metse a noka; mi ga na mari mo hatsiñ yeotle ya Egepeto.
22Mi liñaka tsa Seegepeto tsa riha yalo ka mereo ea cona; mi pelu ea ga Faroe ea thataharioa, le gona a si ka a ba retsa; yaka Yehova a la a bua.
23Mi Faroe a menoga, a ea kua tluñ ea gague; le gona a si ka a baea tseuo mo peluñ ea gague.
24Mi Baegepeto botle ba epa metse ha thoko ga noka go noa; gone ba sa kake ba noa metse a noka.
25Mi malatsi a seven a heta ka Yehova a sina daea noka.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.