1MI Yehova a bua le Moshe, a re,
2Bua le Arone, mi u mo ree, Ha u cuba lilampa, a lilampa li seven li bonese go lebagana le tlomo sa lobone.
3Mi Arone a riha yalo; a cuba lilampa tsa tlomo sa lobone go lebagana le shona, yaka Yehova a la a laola Moshe.
4Mi tiho e ea tlomo sa lobone e le le ea gouda e e kuentsicoeñ, le thito ea shona, le lisheshe tsa shona, e le le tiho e e kuentsicoeñ: a riha tlomo sa lobone kaha sekaeloñ se Yehova o se bontsitseñ Moshe.
5¶ Mi Yehova a bua le Moshe, a re,
6Tsaea Baleva mo baneñ ba Yeserele, u ba itsekise.
7Mi u ba rihele yalo go ba itsekisa: U ba khatse ka metse a teohololo, mi a ba ipeole mebele eotle ea bona, mi a ba tlacue aparo tsa bona, mi a ba iitsekise.
8Erehe gona ba tsaeañ poana le cupelo ea eona ea liyo, eboñ setou se se tlakancoeñ le loukuane, mi u tsele cupelo ea boleo poana e eñue.
9Mi u ise Baleva ha pele ga tenta ea kokoanelo: mi u phuthe phuthego eotle ea bana ba Yeserele:
10Mi u ise Baleva ha pele ga Yehova: mi a bana ba Yeserele ba bee atla tsa bona mo go Baleva:
11Mi a Arone a kelere Baleva ha pele ga Yehova go na cupelo ea kelero ea bana ba Yeserele, gore ba ne go riha tihelo ea ga Yehova.
12Mi a Baleva ba bee atla tsa bona mo tlogoñ tsa lipoana: mi u bakanyetse cupelo ea boleo e le eñue, mi e eñue cupelo ea phisho go Yehova, go ruantsa Baleva.
13Mi u emise Baleva ha pele ga Arone, le ha pele ga bomoroaue, mi u ba kelelere Yehova cupelo ea kelero.
14Mi u lomolole Baleva mo baneñ ba Yeserele: mi Baleva ba tla na ba me.
15Mi morago ga mouo a Baleva ba tsene go rihela tenta ea kokoanelo: mi u ba itsekise, mi u ba kelere go na cupelo ea kelero.
16Gone ki ba neiloe rure mo baneñ ba Yeserele; ki ba itsetse mo bonnoñ yoa botle ba ba ribolañ lotha, E, mo bonnoñ yoa ba burure ba bana ba Yeserele botle.
17Gone ba burure botle ba bana ba Yeserele e le ba me, ba bathu, le maitibolo a likhomu: ki ba ’ntsephetse ka tsatsi ye ki le ka bolaea ba burure botle mo hatsiñ ya Egepeto.
18Mi ki tsetse ba burure botle ba bana ba Yeserele Baleva.
19Mi ki netse Arone le bomoroaue Baleva mo baneñ ba Yeserele go na neo, go riha tihelo ea bana ba Yeserele mo tenteñ ea kokoanelo, le go ruantsa bana ba Yeserele; gore go si ne sebeco mo baneñ ba Yeserele, mogañ bana ba Yeserele ba atamelañ helo ga boitsepho.
20Mi Moshe le Arone le kokoano eotle ea bana ba Yeserele, ba rihela Baleva kaha cotleñ tse Yehova a la a li laolela Moshe kaga Baleva, bana ba Yeserele ba ba rihela yalo.
21Mi Baleva ba iteoholola, mi ba tlacua aparo tsa bona; mi Arone a ba kelelera cupelo ea kelero ha pele ga Yehova; mi Arone a ba ruantsa go ba itsekisa.
22Mi morago ga mouo Baleva ba tsena go riha tihelo ea bona mo tenteñ ea kokoanelo, ha pele ga Arone, le ha pele ga bomoroaue: yaka Yehova a la a laola Moshe kaga Baleva, ba ba rihela yalo.
23¶ Mi Yehova a bua le Moshe, a re,
24Se ki kaga Baleva: a ba nonohele tihelo ea tenta ea kokoanelo, go simolola ka ba nyaga li tuente le faeve le kua pele:
25Mi a ba khutle go rihela ka nyaga tsa bona li faevete, mi a ba si tlole ba rihela:
26Mi a ba thuse bana ba ga rabo mo tenteñ ea kokoanelo, go tsegetsa tebelo, mi a ba si rihe tihelo. U rihele Baleva yalo kaga tebelo ea bona.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.