1 Bakorinta 16 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 16.

1MI yana kaga lineo tse ri bapalecoeñ baitsephi, yaka ki laoletse liekelesia tsa Galatia, le lona lo rihe yalo.

2A moñue le moñue a bee ha go ena sebeo sa lireko, yaka a tsegoharicoe, mo tsatsiñ ya ntla ya ueke, gore go si ne liphutho mogañ ki tlañ.

3Mi mogañ ki tlañ, ba lo ba kaeañ ka liepisetole, bauo ki tla ba roma go isa neo ea lona kua Yerusalema.

4Mi ha e le cuanelo go ’na go ea, ba tla ea le ’na.

5Mi yana, ki tla tla go lona, ki sina ralala Makedonia; gone ki tla ralala Makedonia;

6Etlare khotsa ki sale, le go na le lona, ka mariga aotle, gore lo ’nkhogele kua ki tla eañ gona.

7Gone ga ki rate go lo bona yana ki heta; mi ki shuluhela go na le lona ka lobaka, ha Morena a ’nteseleletsa mouo.

8Mi ki tla tlola mo Efesia go tsamaee go ne Pentekoste.

9Gone ki bulecoe moyako o mogolu le oa thatahaco, mi go na le baganetsi bantsi.

10Mi yana ha Timoteo a hitla, lo bone gore a ne le lona esiñ ka poiho; gone o riha tiho ea Morena, yaka le ’na ki e riha.

11Ki gona a a si khaloe ki ope; mi mo helegetseñ ka kagisho, gore a tle go ’na; gone ki mo lebeletse le bakauleñue.

12Mi kaga mokauleñue Apolo, ki mo rapetse segolu, gore a tle go lona le bakauleñue; mi e le e si thato ea gague go ea yana; mi o tla tla mogañ o bonañ lobaka.

13Lo rise, lo eme mo tumeloñ, natlahalañ yaka banona, thatahalañ.

14A cotle tsa lona li rihale mo loratoñ.

15Mi kia lo rapela, bakauleñue, (loa itse ba ntlu ea ga Setefano, ha e le ba ntla ba Akaia, mi ba le ba inela tiheloñ ea baitsephi,)

16Gore lo inele taoloñ ea ba bantseñ yalo, le go moñue le moñue eo o moriheri le rona, eo o rihañ.

17Mi ki itumela mo go tleñ ga Setefano, le Foretunato le Akaiko; gone ba tlaritse se se tlokahalañ mo go lona.

18Gone ba lapolotse moea oa me le oa lona; ki gona ipoboleñ ba bantseñ yalo.

19Liekelesia tsa Asia lia lo rumerisa. Akuila le Perisila ba lo rumerisa segolu mo Moreneñ, le ekelesia e e mo tluñ ea bona.

20Bakauleñue botle ba lo rumerisa. Rumerisanyañ ka katlo ea boitsepho.

21Tumerisho ea me, Paulo, ka atla sa me.

22Leha e le mañmañ eo o sa rateñ Yesu Keresete Morena, a a ne anatema. Maranata.

23Tsegahaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona e ne le lona.

24Lorato loa me lo ne le lona mo go Keresete Yesu. Amena.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help