3 Yohane 1 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 1.

1EO mogolu, go Gaiu eo o ratoañ, eo ki mo ratañ mo boamarureñ.

2Moratoi, kia eletsa bogolu mo liloñ cotle, gore u tsegoharioe, le go na mo pholoñ, yaka moea oa gago o tsegoharicoe.

3Gone ki le ka itumela segolu, ka bakauleñue ba tla, ba shupa ga boamarure yo bo mo go uena, yaka u tsamaea mo boamarureñ.

4Ga ki na boitumelo yo bogolu mo go yo, go utlua ha bana ba me ba tsamaea mo boamarureñ.

5Moratoi, ua riha ka boikanyo cotle tse u ri rihetseñ bakauleñue le baeñ;

6Ba ba shupileñ ga lorato loa gago ha pele ga ekelesia, ba ha u ba coerisetsa pele yaka go cuanela Morimo, yalo u tla riha molemo;

7Gone ba rule ka ntla ea leina ya gague, ba sa tsee sepe mo bahaiteniñ.

8Ki gona re cuanetseñ go cula ba bantseñ yalo, gore re ne bathusanyi mo boamarureñ.

9Ki kualetse ekelesia; mi Dioterefe, eo o ratañ go na mogolu mo go bona, ga a re cule.

10Ki gona, ha ki tla, ki tla gakologeloa tiho tsa gague tse o ri rihañ, ka mahuku a khaleho, a o a buañ kaga rona; mi esiñ go lekanoa ki gona, le gona ga a cule bakauleñue ka esi, mi a khoreletsa ba ba ratañ go riha yalo, mi o ba khoromeletsa kua ntle ga ekelesia.

11Moratoi, u si latele se se boshula, mi latela se se molemo. Ena eo o rihañ molemo, ki oa Morimo; mi eo o rihañ boshula ga a e si a bone Morimo.

12Demeterio o na le pulelo e e molemo mo go botle, le ea boamarure ka yosi; E, le rona rea shupa; mi ua itse ha cupo ea rona e le boamarure.

13Ki le ki na le lilo li lintsi go li kuala, mi ga ki rate go gu kualela ka inka le pene;

14Mi ki shuluhela ha ki tla akoha ki gu bona, mi re tla bua ka molomo le molomo.

15A kagisho e ne nau. Litsala lia gu rumerisa. Rumerisa litsala ka maina.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help