1BAKAÑ Yehova; itumeleleñ Yehova; gone o molemo; gone boicuarelo yoa gague bo ka bosina bokhutlo.
2Mañ eo o ka bulelañ tiho tsa bonatla tsa ga Yehova, khotsa go bonatsa pako ea gague eotle?
3Go tsegaharicoe ba ba bulukañ tsekisho; eo o rihañ tsiamo ka metla eotle.
4U ’nkhopole, Yehova, ka natehalo e u nañ naeo go bathu ba gago; ’ntekola ka puluko ea gago;
5Gore ki bone molemo oa baitseñkeroi ba gago; gore ki itumele ka boitumelo yoa bathu ba gago, gore ki belahale le boshua yoa gago.
6Re leohile le bo‐rra ecu; re rihile ka cokamo, re rihile ka boikepo.
7Bo‐rra ecu ga ba ka ba tlaloganya likhakhamaco tsa gago kua Egepeto; ga ba ka ba gopola bontsi yoa maicuarelo a gago; mi ba gu gakatsa kua leoatleñ, ha Leoatleñ ye le Hubiru.
8Leha gontse yalo a ba buluka ka eintla ea leina ga gague; gore a itsise thata ea bonatla yoa gague.
9A galehela Leoatle ye le Hubiru, mi ya omelela; mi a ba ralatsa mo mateñeñ, yaka mo gareñganaga.
10A ba golola mo atleñ sa eo o ba ilañ; mi a ba rekolola mo atleñ sa maba.
11Mi metse a khurumetsa baba ba bona; go si ka ga sala ope oa bona.
12Eriha gona ba rumelañ mahuku a gague; ba opela pako ea gague.
13Ba akoha ba lebala tiho tsa gague; ba si ka ba lebelela khakololo ea gague.
14Mi ba khatlega ka khatlego e kholu mo gareñganaga; mi ba raela Morimo mo lokhereñ.
15Eriha gona o ba naeañ keleco ea bona; mi a roma pobolo e e gopañ mo go bona.
16Ba pelutsetlahalela Moshe, le mo patleloñ; le Arone, moitsephi oa ga Yehova.
17Lehatsi ya bulega, mi ya metsa Dathane, mi ya khurumetsa leshomo ya ga Abirame.
18Molelo oa timegoa mo shomoñ ya bona; khabu ea hisa ea nyeletsa baikepi.
19Ba riha namane kua Horeba, mi ba obamela secuano se se tsecoeñ.
20Mi ba hetola khalalelo ea bona secuano sa khomu e e yañ boyañ.
21Ba lebala Morimo o o loa ba buluka; o o loa riha tiho tse ri kholu mo Egepetoñ;
22Litiho tse ri gakhamatsañ mo hatsiñ ya Hama, lilo tse ri boitsegañ ha Leoatleñ ye le Hubiru.
23Ki gona o loa re, O tla ba senya; ha Moshe, moitseñkeroi oa ona, a la si ka a ema mo bothoboñ ha pele ga ona, go bosa bogale yoa ona, gore o si ba senye.
24Le gona ba nyatsa lehatsi ye le eletsegañ; ba si ka ba rumela lehuku ya ona;
25Mi ba ñoñorega mo tenteñ tsa bona; ba si ka ba utlua koru ea ga Yehova.
26Ki gona o la a culetsa atla sa gague, mi a ikana ha a tla ba rigela kua gareganaga;
27Go rigela losika loa bona mo baeteniñ, le go ba halatsa mo mahatsiñ.
28Le gona ba ikopanya le Baala Peora; mi ba ya licupelo tsa bashui.
29Mi ba mo tlotleletsa bogaleñ ka tiho tsa boshula tsa bona; mi pobolo e e gopañ ea phanyega mo go bona.
30Eriha gona Finehase o tlogañ a ema, a riha tsekisho; mi pobolo e e gopañ ea thiyoa.
31Mi e baleloa tsiamo go ena, mo tsikatsikeñ, le ka bosina bokhutlo.
32Mi ba mo gakatsa segolu mo metseñ a Meriba; mi ga na boshula le Moshe ka eintla ea bona;
33Gone ba galakisa moea oa gague, ga tsamaea a bua go sa gopoloañ ka lipounama tsa gague.
34Ba si ka ba senya merahe, yaka Yehova a la a ba laotse;
35Mi ba itlakanya le baeteni, mi ba ithuta tiho tsa bona;
36Mi ba rihela merimo ea liseto ea bona, e e le le seru go bona;
37Gone ba shupela bomoroa bona, le bomoroaria bona go bademoni;
38Mi ba culola mari a a sinañ molatu, mari a bomoroa bona, le a bomoroaria bona, ba ba ba shupetseñ cuanco tsa merimo tsa Kanana: mi lehatsi ya itsephololoa ki mari.
39Mi ba iitsepholola ka tiho tsa bona; mi ba gokahala ka tiho tsa bona.
40Ki gona, bogale yoa ga Yehova bo le yoa tukela bathu ba gague, ga tsamaea a ila boshua yoa gague.
41Mi a ba nela mo atleñ tsa baeteni; mi ba ba ba ilañ ba na babusi ba bona.
42Mi baba ba bona ba ba patika; mi ba nolahalerioa mo atleñ sa bona.
43O la a ba golola ka gantsi; leha gontse yalo ba mo gakatsa ka khakololo ea bona, mi ba ñotloa ki tsiamololo ea bona.
44Leha gontse yalo a leba tlalelo ea bona, ka a utlua pico ea bona.
45Mi a ba gopolela kholagano ea gague; mi a ba ikuatlaela kaha bontsiñ yoa maicuarelo a gague;
46Mi a ba riha go utlueloa botluku ki bona botle ba ba ba cuereñ bagolegoi.
47Re buluke, Yehova, Morimo oa rona, mi u re phuthe mo baeteniñ; gore re itumelele leina ya gago ya boitsepho, le go belahala mo pakoñ ea gago.
48Go bakoe Yehova, Morimo oa Yeserela, ga bosina bokhutlo le go bosina bokhutlo. Mi a bathu botle ba re, Amena. Bakañ Yehova.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.