Bahebera 5 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 5.

1GONE moperiseti eo mogolu moñue le moñue, ka a tseoa mo bathuñ, oa laoleloa bathu mo liloñ tse e leñ tsa Morimo, gore a shupele libe licupelo, le licupelo tsa tlabo;

2Eo o nonohileñ go utluela ba ba sa itseñ le batimeri botluku, le mororo ena ka esi a hocoe ki bokoa.

3Mi o cuanetse go icupela le go shupela bathu cupelo tsa boleo ka ntla ea mouo.

4Mi ga go ope eo o itseelañ tlotlo e, ha e si eo o birioañ ki Morimo, yaka Arone.

5Gontse yalo, Keresete le ena o la a sa itseele tlotlo go na moperiseti eo mogolu; mi eo o mo reileñ, U moroake, ki gu tsetse gompienu.

6Yaka a bua mo heloñ goñue, U moperiseti ka bosina bokhutlo, kaha phapanoñ ea ga Melekisadeke.

7Eo mo metleñ ka a sa le mo nameñ, a culeletsa merapelo le merapelo e e thata, ka lipico tse ri thata le likeleri, go ona o o nonohileñ go muluka mo loshuñ, mi a gololoa mo go se o la a se boiha;

8Leha e le le Moroa, o la a ithuta kutlo ka pogisho tse o la a le mo go cona;

9Mi erile a sina goriserioa khalaleloñ, a na mocoeri oa puluko e e sa khutleñ go bona botle ba ba mo utluañ:

10Ka a biricoe ki Morimo moperiseti eo mogolu, kaha phapanoñ ea ga Melekisadeke.

11Eo re nañ le lilo li lintsi go li bua ga gague, tse ri thata go phuthololoa, ka lo kabetse litsebe.

12Gone ere ha lo kabo lo cuanetse go nonoha go ruta, ka lobaka lo le lo lele yana, lo sa tloka go ba lo rutoa mo tsimologoñ tsa mahuku a Morimo, mi lontse ba ba tlokañ mashi bogolu go liyo tse ri loileñ.

13Gone moñue le moñue eo o noañ mashi, ga a botlale mo hukuñ ya tsiamo; gone a le serathana.

14Mi liyo tse ri loileñ ki tsa ba ba gorileñ, ba lithata tsa bona ba li tloaeritseñ ka bocoelelo go harologanya molemo le boshula.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help