1MI bathu ba itoka, mi e le le boshula mo tsebeñ tsa ga Yehova: gone Yehova a e utlua; mi bogale yoa gague yoa tuka; mi molelo oa ga Yehova oa hisa mo go bona, oa nyeletsa, le kua khutloñ tsa botlaolelo.
2Mi bathu ba biletsa go Moshe; mi Moshe a rapela Yehova, mi molelo oa tiñoa.
3Mi a bitsa leina ya helo hoñ Tabera: gone molelo oa ga Yehova oa hisa mo go bona.
4¶ Mi bontsi yo bo tlakanyeñ yo bo le bo le mo go bona yoa eletsa thata: mi bana ba Yeserele le bona ba hela ba lela, ba re, E mañ eo o tla re naeañ nama go ya?
5Re gakologeloa tlapi tse re li yeleñ ka bogolu kua Egepeto; le melo-ña, le magapu, le lilika, le lioi, le gareleka:
6Mi yana re omeletse: ga go sepe ha e si manna ua ha pele ga maitlo a rona.
7Mi manna e le le yaka tlaka tsa koriandera, mi mala oa aona yaka mala oa bedola.
8Bathu ba ea kua le kua, ba a bapala, ba a sila ka litsilo, ba a tlobola ka kika, ba a apaea ka lipitsa, ba riha tse ri papetla ka aona: mi moutlualo oa aona o lo o utluala yaka loukuane lo losha.
9Mi erile monyo o oela mo botlaoleloñ bosigo, manna a oela ha go ona.
10¶ Ereha gona Moshe o utluañ bathu ba lela mo tsikeñ tsa bona, moñue le moñue ha moyakoñ oa tenta ea gague: mi bogale yoa ga Yehova yoa tuka segolu; mi e le le boshula mo maitloñ a ga Moshe.
11Mi Moshe a raea Yehova, u shu-lahaleletseñ motlañka oa gago? mi ga ki boneleñ tsalano mo maitloñ a gago, ka u ’mpelesa ka melego oa bathu botle ba?
12A ki ithuarisitse bathu botle ba? a ki ba tsetse, ha u ka ’nthaea, U ba hare mo hubeñ sa gago, yaka moamusi a hara eo o anyañ, go ba isa kua hatsiñ ye u le ikanetseñ bo‐rabo?
13Ki tla bona nama kae go e naea bathu ba botle? gone ba ’ntelela, ba re, Re nee nama, re e ye.
14Ga kia nonoha go belega bathu botle ba ka ’nosi, gone go ’nthataha-lela.
15Mi ha u ’ntihela yalo, kia gu rapela u ’mpolaele rure, ha ki bonye tsalano mo maitloñ a gago, mi a ki si bone boshula yoa me.
16¶ Mi Yehova a raea Moshe, ’Mphuthela banona ba sevente ba bagolu ba Bayeserela, ba u ba itseñ ha e le bagolu ba bathu, le likala tsa bona; mi u ba ise mo tenteñ ea kokoanelo, gore ba eme nau gona.
17Mi ki tla hologa ki bua nau gona: mi ki tla tsaea ga moea o o mo go uena, mi ki tla o baea go bona; mi ba tla belega melego oa bathu nau, gore u si o belege uesi.
18Mi raea bathu, u re, Itsepheleñ ka mosho, mi lo tla ya nama: gone lo lerile mo tsebeñ tsa ga Yehova, loa re, E mañ eo o tla re yesañ nama? gone gole gole molemo go rona kua Egepeto: ki gona Yehova o tla lo naeañ nama, mi lo tla ya.
19Ga lo kitla lo e ya ka tsatsi le le leñoe, le esiñ malatsi a le tu, le esiñ malatsi a le faeve, le esiñ malatsi a le ten, le esiñ malatsi a le tuente;
20E tla na ka khueri eotle, e tsamaee e coa ka maroha a liñko tsa lona, le go lo tena: gone lo latlile Yehova eo o mo go lona, mi lo lerile ha pele ga gague, loa re, Re coetseñ kua Egepeto?
21¶ Mi Moshe a re, Bathu ba ki mo go bona, ba sekes huñdereda thousanda, ba linao; mi u rile, Ki tla ba naea nama, gore ba ye ka malatsi a khueri eotle!
22A macomane le matlape ba tla a tlabeloa, gore a ba lekane? khotsa a tlapi cotle tsa leoatle ba tla li phutheloa, gore li ba lekane?
23Mi Yehova a raea Moshe, A atla sa ga Yehova se khutsahetse? U tla bona yana ha huku ya me le tla gu rihalela, khotsa nya.
24¶ Mi Moshe a coela eintle, a bulelela bathu mahuku a ga Yehova, mi a phutha banona ba sevente ba bagolu ba bathu, a ba emisa a ba rikolosa tenta:
25Mi Yehova a hologa ka leru, a bua nae, a tsaea ga moea o o go ena, a o baea mo bagoluñ ba sevente: mi ga rihala ka moea o nna go bona, ba perofesa, mi esiñ gape morago ga mouo.
26Mi ga bo go setse banona ba tu mo botlaoleloñ, leina ya moñue e le le Eledade, mi leina ya eo moñue e le le Medade: mi moea oa nna go bona; gone e le le ba ba ba kuariloeñ, mi ba si ka ba coela kua tenteñ: mi ba perofesa mo botlaoleloñ.
27Mi ga taboga lekau, mi ya bulelela Moshe, ya re, Eledade le Medade ba perofesa mo botlaoleloñ.
28Mi Yehoshue moroa Nune, moriheri oa ga Moshe, oa makau a gague a a itseñkecoeñ, a araba a re, Moshe morena oa me, u ba itse.
29Mi Moshe a mo raea, A u huhañ go ’na? Au! intla bathu ba ga Yehova botle ba ko ba le baperofeti, le gona gore Yehova a ba nee Moea oa gague.
30Mi Moshe a ea mo botlaoleloñ, ena le bagolu ba Bayeserela.
31¶ Mi ga coa pheho go Yehova, ea lere bokabakayeoe go coa kua leoatleñ, ea ba anamisa ha botlaoleloñ, go le kana ka eto loa tsatsi le leñue eintleñ eñue, le eto loa tsatsi le le leñue eintleñ e eñue, mo tikologoñ ea botlaolelo; mi ba le ba le ekane e le likubeta li tu gorimo ga ombu.
32Mi bathu ba nanoga ka tsatsi yeno yeotle, le sigo yotle, le ka tsatsi ya ka mosho yeotle, mi ba kokoanya bokabakayeoe: eo o la a kokoanya bobotlana bogolu a kokoanya liomera li ten: mi ba ba ikanegela kua eintle, kua tikologoñ ea botlaolelo.
33Mi bogale yoa ga Yehova yoa tukela bathu ka nama e santse e le gare ga meno a bona, e e si e tlahu-ñoe, mi Yehova a daea bathu ka sebeco se segolu.
34Ki gona leina ya helo hoñ le birioañ, Kiberota‐hatava: gone ba hitlela bathu gona ba ba le ba eletsa:
35Mi bathu ba tloga mo Kiberota‐hatava, be ea Hatserota; mi ba na kua Hatserota.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.