Yobe 8 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 8.

1EREHA gona Biledade oa Moshuha o arabañ, a re,

2U tla bua lilo tse go lele go le kai? le mahuku a molomo oa gago a na yaka pheho e e thata?

3A Morimo o shokamisa tsiamisho? khotsa a Mothatietle o tla shokamisa tsiamo?

4Ecua bana ba gago ba mo leohetse, le gona o ba latletse tlolo ea bona.

5 Mi ha u batla Morimo go sa le gale; le go kokotlela Mothatietle;

6Ha u itsekile le thokhamo, o kabo a gu icosetsa le yana, a tsegahatsa bonno yoa gago yoa tsiamo.

7Leha tsiamologo ea gago e tla bo e le nyenye, bokhutlo yoa gago bo tla totahala segolu.

8Gone, a ko u botse ga kokomana ea eintla, mi ikitleletse tlotlomisho ea bo‐rara ba eona:

9(Gone re ba mabane, mi ga re itse sepe, gone malatsi a rona mo hatsiñ ki moroti:)

10A ga ba kitla ba gu ruta, ba gu bulelela, le go coisa mahuku mo peluñ tsa bona?

11A motsitla o ka gola ha loraga lo sieo? a mophutlu o ka gola o sina metse?

12Ka o sa na le botalana yoa ona, o e si o segoe, o shuabe pele ga mayañ aotle.

13Tsela tsa bona botle ba ba lebalañ Morimo lintse yalo; mi culuhelo ea moitimokanyi e tla hela:

14Eo culuhelo ea gague e tla mo tenañ, le boikanyo yoa gague bo tla na eintlu ea segokho.

15O tla ikaega eintlu ea gague, mi ga e kitla e ema: o tla e itsegeletsa, mi ga e kitla e litama.

16O macecena pele letsatsi le e si le tlabe, mi macoela a gague a anamela mo tsimoñ ea gague.

17Mecoe ea gague ea tlamparela mokoa, mi e leba helo ga maye.

18Rure, o tla merioa mo heloñ ga gague, mi go tla mo itatola, go re, Ga kia ka ka gu bona.

19Bona, yo ki boitlapelo yoa tsela ea gague, mi ba bañue ba tla tloga mo loroleñ.

20Bona, Morimo ga o kitla o latla moitekaneri, le gona ga o kitla o thusa bashulatsi:

21Ka a tlatsa molomo oa gago ka setsego, le pounama tsa gago ka thurueco.

22Ba ba gu ilañ ba tla apesioa litloñ; mi bonno yoa baikepi bo tlabo bo sieo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help