Baefesia 6 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 6.

1BANA, utluañ bagolu ba lona mo Moreneñ; gone mo go siame.

2Tlotla rago le mago (e e leñ taolo ea ntla e e nañ le pulelelo‐pele),

3Gore go ne molemo le uena, mi gore u tsele ka bolele mo hatsiñ.

4Le lona, bo‐rra, lo si tlotleletse bana ba lona bogaleñ; mi ba gorisetseñ mo thutoñ le mo kaeloñ ea Morena.

5Batlañka, utluañ beñ ba lona kaha nameñ, ka poiho le thoromo, mo boñueheleñ yoa pelu tsa lona, yaka go Keresete;

6Esiñ ka tihelo ea maitlo, yaka bakhatli ba bathu; mi a e ne yaka batlañka ba ga Keresete, go riha thato ea Morimo ka pelu;

7Go rihela Morena ka boitumelo, mi esiñ bathu;

8Ka lo itse, leha e le seo señue se se molemo se se rihoañ ki mañmañ, o tla se bona ka shosi mo Moreneñ, leha a le mogolegoi khotsa eo o golocoeñ.

9Le lona beñ, lo ba rihele ka lilo tseuo ka cosi; mi lo lese go bopa; ka lo itse ha Morena oa lona le ena a le mo legorimoñ; mi go si na tlaolo epe ea bathu ha go ena.

10Ya bohelo, bakauleñue ba me, nañ thata mo Moreneñ, le mo thateñ ea bonatla yoa gague.

11Aparañ lilo tsa tlabano cotle tsa Morimo, gore lo nonohe go emela le mekhua ea tsieco ea diabolo.

12Gone ga re ganele le nama le mari, e le le balaori ba bagolu, le bathati, le balaori ba lehihe ba lehatse yenu, le meoea ea boleo mo maheloñ a a gorimo.

13Ki gona, itseleñ lilo tsa tlabano tsa Morimo cotle, gore lo nonohele go iphemela mo tsatsiñ ya boshula, mi lo sina uetsa cotle, lo ne lo eme.

14Ki gona, emañ ka litheka tsa lona li bohiloe ka boamarure, le go na le thebe ea tsiamo ea sehuba;

15Le linao tsa lona li roesicoe ka iketleco ea evangelio ea kagisho;

16Le go cula thebe ea tumelo gorimo ga cona cotle, e lo ka timañ mecui eotle ea eo o boleo ka eona.

17Mi lo cule helemeta ea tlogo ea puluko, le caka ea Moea, eboñ lehuku ya Morimo;

18Ka go rapela ka gale ka merapelo eotle, le go coelela thapeloñ, mo Moeeñ, le go lebelela mo go cona ka bocoelelo pele yotle; le go rapelela baitsephi botle;

19Bogolu ’na, gore lehuku ki le ’nneoe, gore ki tumolole molomo oa me ka thanolo, go itsise bosaitsioeñ yoa evangelio,

20E ki moroñoi mo keteneñ ka ntla ea eona; gore ki bue mo go eona ka thanolo, yaka ki cuanetse go bua.

21Mi gore le lona lo itse kaha gontseñ ka gona le ’na, le se ki se rihañ, Tukiko, mokauleñue eo o rategañ le moriheri oa boikanyo mo Moreneñ, o tla lo itsise cotle;

22Eo ki mo lo rometseñ ka ntla ea mouo, gore lo itse kaha rentseñ ka gona, le gore a gomotse pelu tsa lona.

23Kagisho e ne le bakauleñue, le lorato, le tumelo, tse ri coañ Morimoñ Rra, le Yesu Keresete Morena.

24Tsegohaco e ne le bona botle ba ba ratañ Yesu Keresete Morena oa rona ka lo lo sa pekoañ. Amena.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help