Moreri 9 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 9.

1AMARURE ka nela pelu ea me go cotleñ tse, gore ki tlaloganye cotle ka thanolo, ha basiami le matlale, le tiho tsa bona li mo atleñ sa Morimo: le lona lorato le kilo, mothu a sa itse ka cotle tse ri ha pele ga gague.

2Cotle li rihalela botle mo cuanoñ; tihalo e le eñue e rihalela mosiami le moikepi; oa molemo le moitseki, le eo o sa itsekañ; ena eo o tlabelañ, le ena eo o sa tlabeleñ; go cuana le eo molemo, moleohi o ntse yalo; ena eo o ikanañ yaka eo o boihañ ikano.

3Yo ki boshula mo liloñ cotle tse ri rihalañ tlatse ga letsatsi, ha tihalo e le eñue e rihalela botle: E, le gona, pelu tsa bana ba bathu li tletse boshula, le botseno bo mo peluñ tsa bona ka ba sa tserile; mi morago ga mouo ba ea kua bashuiñ.

4Gone go le culuhelo go ena eo o kopancoeñ le batseri botle: gone nca e e tserileñ e molemo bogolu go tau e e shuleñ.

5Gone batseri ba itse ha ba tla shua; mi bashui ga ba itse sepe, le gona ga ba tlole ba na le tuelo; gone khakologelo ea bona e lebecoe.

6Le lona lorato loa bona le tloo ea bona, le pelutsetla ea bona, e herile le yana; le gona ga ba tlole ba na le kabelo ka bosakhutleñ mo go sepe se se rihalañ tlatse ga letsatsi.

7Ea, mi u ye señkhue sa gago ka boitumelo, mi noa boyaloa yoa gago ka pelu e e monate; gone le gona Morimo o nateheloa ki tiho tsa gago.

8A liaparo tsa gago li ne li cueu ka gale; mi a tlogo ea gago e si tlokaha-leloe ki loukuane.

9Tsela ka boitumelo le mosari eo u mo ratañ mo malatsiñ aotle a botselo yoa gago yoa boithamako, a Morimo o a gu neileñ tlatse ga letsatsi, mo malatsiñ aotle a gago a boithamako: e ki eona kabelo ea gago mo tseloñ yonu, le ea khokholelo ea gago e u e khokholelañ tlatse ga letsatsi.

10Cotle tse, atla sa gago se li bonañ go li riha, riha tse ka nonoho ea gago; gone go sina tiho, le togomano, le kico, le botlale mo bobipoñ, kua u eañ gona.

11Ka menoga, mi ka bona tlatse ga letsatsi, ha tsiano e le e si go ba ba siañ, le tlabano e le e si go linatla, le gona liyo li si go ba botlale, le gona lohumo lo si go batlaloganyi, le gona tsalano e le e si go baitse; mi motla le tihalo li rihalela botle ba.

12Gone le ena mothu ga a itse motla oa gague: yaka litlapi tse ri cuaroañ ka seru sa boshula, le yaka linonyane tse ri cuaroañ ka seru; bana ba bathu le bona ba raecoe yalo mo motleñ oa boshula, mogañ o oelañ go bona ka coganeco.

13Le botlale yo ki bo bonye tlatse ga letsatsi, mi bo le bo le bogolu go ’na:

14Go le go le motsana, le banona banye mo go ona; mi ga tla khosi e kholu go ona, ea o tlasela, mi ea o agela likago tsa tlabanelo tse ri kholu;

15Mi ga bonoa mo go ona monona oa mohumanegi eo o tlalehileñ, eo o la a golola motse ka botlale yoa gague: mi go si ope eo o la a gopola monona eouo oa mohumanegi.

16Eriha gona ki reñ, Botlale bo molemo bogolu go thata: leha gontse yalo botlale yoa mohumanegi boa nyarioa, le mahuku a gague ga a utluioe.

17Mahuku a matlale, a utluioa mo tirimaloñ bogolu go go gala ga gague eo o busañ mo lieleeleñ.

18Botlale ki molemo bogolu go lilo tsa tlabano: mi moleohi a le moñue hela o hetsa tsa molemo lintsi.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help