Deuteronome 29 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 29.

1UA ki mahuku a kholagano, e Yehova o la a laola Moshe go e riha le bana ba Yeserele, mo hatsiñ ya Moaba, bogolu go kholagano e o la a e riha le bona kua Horeba.

2¶ Mi Moshe a bitsa Bayeserela botle, mi a ba raea, Lo bonye cotle tse Yehova o la a li rihela Faroe, le batlanka ba gague botle, le lehatsi ya gague yeotle, ha pele ga maitlo a lona mo hatsiñ ya Egepeto;

3Liteko tse rikholu tse maitlo a lona a li bonyeñ, licupo le likhakhamaco tse ri kholu:

4Mi lona, Yehova ga a lo naea lipelu go tlaloganya, le esiñ maitlo go bona, le esiñ litsebe go utlua, le go tsatsiñ yenu.

5Mi ki lo tsamaisitse nyaga li forte mo bogareñganaga: aparo tsa lona li sa lo onalele, mi tlaku tsa lona li sa lo onalele mo naoñ tsa lona.

6Lo sa ye señkhue, mi lo sa noe boyaloa le boyaloa yo bo thata: gore lo itse ha e le ’na Yehova Morimo oa lona.

7Mi erile lo tla heloñ ha, Sihone khosi ea Heshebona, le Oge khosi ea Bashana, ba re khatlantsa go tlabana, mi ra li khemetha:

8Mi ra tsaea hatsi ya bona, ra le naea Barubena, le Bagada, le go eintla eñue ea loco loa ga Manase.

9Ki gona tsegetsañ mahuku a kholagano e, mi lo a rihe, gore lo tsegahale mo cotleñ tse lo tla li rihañ.

10¶ Lo eme lotle ka yenu ha pele ga Yehova Morimo oa lona; tlogotlogo tsa lico tsa lona, le bagolu ha lona, le likala tsa lona, le banona botle ba Bayeserela,

11Banyana ba lona, le basari ba lona, le moeñ oa lona eo o mo botlaoleloñ yoa lona, go simolola ka moremi logoñ oa lona, le go ea kua mogiñ metse oa lona.

12Gore lo tsene mo kholaganoñ ea ga Yehova Morimo oa lona, le mo thogoñ ea gague e Yehova Morimo oa lona o e rihañ le lona ka yenu:

13Gore a lo itlomamisetse go na bathu ka yenu, le gore a ne Morimo go lona, yaka a lo reile, le gona yaka a ikanetse bo‐rra enu, eboñ Aberahame le Yitsake, le Yakobe.

14Mi ga kia riha kholagano e, le thogo e le lona losi;

15Mi le ena eo o emeñ hanu le rona ka yenu ha pele ga Yehova Morimo oa rona, mi le eo o siñ hanu le rona ka yenu:

16(Gone loa itse kaha re leñ ra nna mo hatsiñ ya Egepeto; le kaha re leñ ra ralala merahe e lo loa e ralala;

17Mi lo bonye maila a eona le licuanco tsa merimo ea logoñ, le ea leincue, le ea selevera, le ea gouda tse li li le go eona:)

18Gore go si ne monona, khotsa mosari, khotsa losika, khotsa loco, go lona, eo pelu ea gague e menogañ go Yehova Morimo oa rona, go ea go rihela merimo ea merahe e; gore go si ne mo go lona mocoe o o uñuañ botluku le bogalaka.

19Mi ha go rihala moñue a sina utlua mahuku a thogo e, a itsegahatsa mo peluñ ea gague, a re, Ki tla na le kagisho, leha ki sepela kaha boikaeleloñ yoa pelu ea me go oketsa lenyora ka thago:

20Yehova ga a kitla a mo icuarela, mi hoñ bogale yoa ga Yehova le lehuha ya gague, le tla kubela mononeñ eo, le lithogako cotle tse ri kuariloeñ mo bukeñ e, li tla mo lala gorimo, mi Yehova o tla phimola leina ya gague tlatse ga legorimo.

21Mi Yehova o tla mo lomolela boshuleñ mo licoñ cotle tsa Bayeserela, kaha lithogakoñ cotle tsa kholagano tse ri kuariloeñ mo bukeñ ea molao o:

22Ereha gona kokomana e e rularañ ea bana ba lona ba ba tla cogañ morago ga lona, le moeñ eo o tla coañ kua hatsiñ ye le khakala, ba tla re ba sina bona lipeco tsa hatsi ye, le lipobolo tse Yehova o le borisitseñ ka cona;

23Ka hatsi yeotle, e le sulefura, le lecoai, le phisho, le sa yaloe, le sa uñue, le esiñ morogo o o melañ go yeona, yaka thibegeco ea Sodoma, le ea Gomora, le ea Adama, le ea Tsiboima, e Yehova o la a e ribegetsa ka bogale yoa gague, le ka khakatsego ea gague:

24Mi merahe eotle e tla re, Ana Yehova o riheletseñ yalo lehatsi ye? Tukelo ea bogale yo bo tukañ yo, ki eañ?

25Ereha gona bathu ba tla reñ, Ka gone ba latlile kholagano ea ga Yehova Morimo oa bo‐rabo, e o la a e riha le bona ka a ba entsa mo hatsiñ ya Egepeto:

26Gone ba le ba ea ba rihela merimo e sele, ba e obamela, merimo e ba sa e itseñ, e e si kañ ea ba abela sepe:

27Ki gona ka mouo bogale yoa ga Yehova bo tukileñ mo hatsiñ ye, go tlisa thogo eotle e e kuariloeñ mo bukeñ e go yeona:

28Mi Yehova a ba mumula mo hatsiñ ya bona ka bogale, le ka khakatsego le ka cakhalo e kholu, a ba latlela mo hatsiñ le leñue yaka ka yenu:

29 Lilo tse ri shubegileñ ki tsa ga Yehova Morimo oa rona: mi tse ri bonatsioañ, ki tsa rona, le tsa bana ba rona ka bosakhutleñ, go tsegetsa mahuku aotle a molao o.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help