2 Bakorinta 8 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 8.

1GAPE, bakauleñue, rea lo itsise ga tsegohaco ea Morimo e e necoeñ liekelesia tsa Makedonia;

2Gone boitumelo yo bogolu yoa bona, bo le yoa tota mo tekoñ e kholu ea pogisho; mi lohumo loa bopelunomi yoa bona lo le loa tota mo khumanegoñ e kholu ea bona.

3Gone kia shupa, ba le ba naea ka bosi kaha thateñ ea bona, E, bogolu go thata ea bona;

4Ba re rapela ka tloahalo e kholu, gore re cule neo e, le kabalano ea tihelo e e rihecoeñ baitsephi.

5Mi se ba le ba se riha, esiñ yaka re le ra shuluhela, mi ba le ba inela pele Moreneñ, le go rona ka thato ea Morimo;

6Ga tsamaea ra kaela Tito, gore yaka a la a simolola pele, le gona a uetse neo e le eona mo go lona.

7Ki gona yaka lo tota bogolu mo liloñ cotle, mo tumeloñ, le mo hukuñ, le mo kicoñ, le mo itlaganeloñ eotle, le mo ratoñ loa lona go rona; lo itise gore le gona lo tote bogolu le mo neoñ e.

8Ga ki bue se ka taolo, mi ki ka ntla ea itlaganelo ea ba bañue, le go leka bosapekoañ yoa lorato loa lona.

9Gone loa itse tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona, go re, leha a la a humile, o la a humanega ka ntla ea lona, gore lo hume ka ntla ea khumanego ea gague.

10Mi kia lo gakolola mo seoñ se, gone se ki molemo go lona, ba lo simolotseñ pele, esiñ go riha gosi, mi le gona e le le thato ea lona ka ñuaga o o hetileñ.

11Mi yana tiho le eona lo e uetse; le mororo thato ea iketleco e le le gona, tihahalo le eona e ne kaha tse lo nañ naco.

12Gone ha erile pele ikitleco ea boitlomo ea bo e le gona, ki nateho kaha tse moñue o nañ naco, esiñ kaha tse o sinañ naco.

13Mi ga ki bue yalo gore ba bañue ba hehoharioe, mi lona lo imaharioe;

14Mi gore botlalo yo bogolu yoa lona bo thuse botloko yoa bona, ka bocuano, yana mo bakeñ lonu; gore botlalo yoa bona le yona bo ne thusho ea botloko yoa lona; gore cuano e rihale;

15Yaka go kuariloe, Eo o phuthileñ bogolu, ga a saleloa ki sepe; mi eo o phuthileñ se botlana, ga a na botloko.

16Mi Morimo a o itumeleloe, o o tsenyeritseñ tloahalo e kaga lona mo peluñ ea ga Tito.

17Mi rure o la a cula kaelo ea me, mi ka a la a na le itlaganelo e kholu, a ea go lona ka thato ea gague.

18Mi re romile mokauleñue nae, eo pako ea gague mo evangelioñ e ralalañ mo liekelesieñ cotle;

19Mi esiñ gona gosi, mi le gona o la a itseñkecoe ki liekelesia go eta le rona ka neo e, e e rihecoeñ khalalelo ea Morena ka esi ki rona, le ka boiketleleco yoa boitlomo yoa lona;

20Ka go thibogela se, gore go si ne ope eo o re latuhatsañ mo botlaloñ yo bogolu yo bo rihiloeñ ki rona;

21Ka go tlamela lilo tsa tsiamo, esiñ gosi ha pele ga Morena, mi le ha pele ga bathu.

22Mi re romile mokauleñue oa rona nabo, eo re mo lekileñ ka gantsi ha a le itlaganelo mo liloñ lintsi; mi yana o itlaganetse bogolu ka ntla ea boikanyo yo bogolu yo o lo ikantseñ ka yona.

23Leha e le Tito, ki ena molekane oa me, le moloriheri le ’na; leha e le bakauleñue ba rona, ki bona baroñoi ba liekelesia, le khalalelo ea ga Keresete.

24Ki gona ba shupetseñ cupo ea lorato loa lona, le pelahalo ea rona kaga lona, ha pele ga liekelesia.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help