1MI Yakobe a nna mo hatsiñ ye rague o la le moeñ go yeona, hatsiñ ya Kanana.
2Tse ki cona litihahalo tse ga Yakobe. Yosefe ka a le linyaga li seventen, a bo a risa lecomane le bomogoluue; mi lekau ya bo le na le bomoroa Bilehe, le bomoroa Selepe bomogatsa rague: mi Yosefe a lere puleri e e boshula kaga bona go rague.
3Mi yana Yeserele a bo a rata Yosefe bogolu go bana ba gague botle, gone e le le ñuana oa bocohe yoa gague: mi a mo rihela kobo e e mebala mentsi.
4Mi eare bomogoluue ba bona ha rabo a mo rata bogolu go bomogoluue botle, ba mo ila; mi ba sa kake ba bua nae ka kagisho.
5¶ Mi Yosefe a lora toro, mi a e bulelela bomogoluue: mi ba mo ila segolu bogolu.
6Mi a ba raea, A ko lo utlue toro e, e ki e lorileñ:
7Mi bonañ, re le re boha liñata gare ga leota, mi bonañ ñata ea me ea nanoga, mi le gona ea ema ea siama; mi bonañ, liñata tsa lona tsa rikanyetsa, mi tsa ikobela ñata ea me.
8Mi bomogoluue ba mo raea, A u tla re busa rre? khotsa a u tla na le pusho rure go rona? mi ba mo ila bogolu bogolu ka eintla ea toro tsa gague, le mahuku a gague.
9¶ Mi a hela a lora toro e eñue, mi a e kakanyetsa bomogoluue, mi a re, Bonañ, gape ki lorile toro e eñue, mi bonañ, letsatsi, le khueri, le linaleri li eleven li tsa ’nkobela.
10Mi eare a e bulelela rague le bomogoluue, rague a muela, mi a mo raea, Toro e u e lorileñ ki eñ? ’Na, le mago, le bomogoluü a re tla tla rure re ikobela hatsi ha pele ga gago?
11Mi bomogoluue ba mo golegela, mi rague a tsegetsa huku ye.
12¶ Mi bomogoluue ba ea go hurisa lecomane ya ga rabo kua Shekema.
13Mi Yeserele a raea Yosefe, A bomogoluü ga ba hurise lecomane kua Shekema? eintlo, mi ki tla gu romela go bona. Mi a mo raea, Ki hanu.
14Mi a mo raea, A ko u ee u bone ha bomogoluü ba sa siame, le lecomane ha le sa siame; mi u bo u ’nteretse lehuku. Mi a mo roma a coa mogorogoroñ oa Heberona, mi a hitla kua Shekema.
15¶ Mi monona moñue a mona, mi bonañ, a bo a timela mo nageñ; mi monona eo a motsa a re, U batlañ?
16Mi a re, Ki batla boñkholule: a ko u ’mpulelele kua ba hurisañ gona.
17Mi monona a re, Ba hurugile monu; gone ki ba utuile, ba re, A re eeñ kua Dotana. Mi Yosefe a latela bomogoluue, mi a ba hitlela kua Dotana.
18Mi eare ba mona a sa le khakala, pele a e si a ba atamele, ba mo logela mano go molaea.
19Mi ba rana moñue le eo moñue, Bonañ, molori eo mogolu o etla.
20Mi yana a re eeñ, re molaee, mi re mo rigele mo mokoleñ moñue, mi re tla re, Sebatana señue se mo yele; mi re tla bona kaha toro tsa gague li tla nañ ka gona.
21Mi Rubene a utlua yeuo, mi a mo golola mo atleñ tsa bona, mi a re, A re si molaeeñ.
22Gape Rubene a ba raea, Lo si culole mari, mi lo mo rigele mo mokoleñ o, o o leñ bogareñganaga, mi lo si mo otlolele atla sepe; gore a mo golole atleñ tsa bona, gore a mo rebolele rague.
23¶ Mi ga rihala ka Yosefe a sina hitla go bomogoluue, ba apo’a Yosefe kobo ea gague, kobo e e mebala mentsi e o la na naeo;
24Mi ba mo tsaea, ba mo rigela mo mokoleñ: mi mokole oa bo o sina sepe, ga bo go sina metse mo go ona.
25Morago ga mouo ba lula ba ya liyo: mi ba culetsa maitlo a bona, mi ba señka, mi bonañ, leshomo ya Baishemaela ya bo le eta le coa kua Gileada, le likamela tsa yeona, tse ri belegeñ tse ri eñkhañ monate, le balem, le mera, ba ea ba li isa Egepeto.
26Mi Yude a raea bomoroa rague, Temohalo e tla nañ, ha re bolaea monna rona, mi re bitiela mari a gague?
27A re mapatseñ mo go Baishemaela, mi a atla tsa rona li si ne go ena; gone ki monna rona, le nama ea rona. Mi bomoroa rague ba utlua.
28Mi yana eare bareki ba Bamedia ba heta, ba goga, mi ba entsa Yosefe mo mokoleñ, mi ba bapatsa Yosefe go Baishemaela ba, ka liselevera li le tuente: mi ba, ba isa Yosefe kua Egepeto.
29¶ Mi eare Rubene a boela mokoleñ; bonañ, Yosefe a bo a sieo mo mokoleñ; mi a gagola liaparo tsa gague.
30Mi a boela kua go bomonnaue, mi a re, Lekau ga leëo, mi ’na, ki tla ea kae?
31¶ Mi ba tsaea kobo ea ga Yosefe, mi ba tlaba potsane, mi ba ina kobo mo mariñ.
32Mi ba isa kobo e e mebala mentsi, mi ba e lere go rabo; mi ba re, E re e bonye, mi yana itse ha e le kobo ea ga moroau, khotsa nya.
33Mi a e itse, mi a re, Ki kobo ea ga moroake; o yeloe ki sebatana; Yosefe o gagogancoe rure.
34Mi Yakobe a gagola liaparo tsa gague, mi a baea letsela ya khetse mo mañkopeñ a gague, mi a lelela moroaue ka malatsi a le mantsi.
35Mi bomoroaue botle, le bomoroarie botle ba nanoga go mo gomotsa, mi a gana go gomorioa: mi a re, Gone ki tla hologela go moroake mo lecueñ ka khutsahalelo; mi rague a mo lelela yalo.
36¶ Mi Bamedia ba mapatsa mo Egepeto, go Potifare mogoluane oa ga Faroe, mogolu oa batlabani ba ba risañ.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.