Lipesalema 110 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

PESALEM 110.¶ Pesalem ea ga Davide.

1YEHOVA o la a raea Morena oa me, Lula ha atleñ sa me se se siameñ, ki tle ki tsamaee ki rihe baba ba gago serulo sa nao tsa gago.

2Yehova o tla roma thata ea tsamma ea gago, e coa Tsiona; busa ha gare ga baba ba gago.

3Bathu ba gago ba tla shupela licupelo ka pelu eotle, mo tsatsiñ ya thata ea gago mo mekhaboñ e e itsephileñ. Monyo oa bokau yoa gago o tla na bogolu go monyo oa sebopelo sa mosho.

4Yehova o ikane, mi ga a kitla a hetoga, U moperiseti ka bosina bokhutlo, kaha phapanoñ ea Melakisadeka.

5Morena o mo atleñ sa gago se se siameñ, o tla betsa likhosi mo tsatsiñ ya bogale yo bogolu yoa gague.

6O tla sekisa mo baeteniñ, o tla tlatsa mahelo ka litoto tsa bashui; o tla betsa ba e leñ litlogo tsa mahatsi a magolu.

7O tla noa mo molacuaneñ mo tseleñ; ki gona o tla culetsañ tlogo ea gague.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help