Lipesalema 69 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

PESALEM 69.¶ Pesalem ea ga Davide go Mooperi eo mogolu mo Shoshanim.

1MORIMO, ’mpuluka, gone metse a hitlile mo moeeñ oa me.

2Ki noetse mo morageñ o o boteñ, ha boemo bo sieoñ gona; ki hitlile mo mateñeñ a metse, mi meroalela ea metse ea ’nkhurumetsa.

3Ki lapisicoe ki pico ea me; momeco oa me o omeletse; maitlo a me a nyelerioa ki ga lebelela Morimo oa me.

4Ba ba ’nkilañ ki sina molatu, ba bantsi bogolu go meriri ea tlogo ea me; ba ba batlañ go ’ntsenya, ba ba leñ baba ba me ecoa ki sina molatu, ba thata bogolu; ga tsamaea ka leha se ki sa se tlakolañ.

5Morimo, ua itse bosilo yoa me; mi melatu ea me ga ua e shubeloa.

6A ba si tlayoe ki litloñ ka eintla ea me, ba ba gu lebelelañ, Morena, Yehova oa lintua; a ba ba gu batlañ ba si siloharioe ka eintla ea me, Morimo oa Yeserela.

7Gone ki bogile khobo ka eintla ea gago; litloñ li khurumeritse sehatlogo sa me.

8Ki rihegile moeñ mo go bana ba ga rre, mi ga ki itsioe mo baneñ ba ga mme.

9Gone tloahalo ea eintlu ea gago e ’mmeritse; mi likhobo tsa ba ba gu khobañ li oetse mo go ’na.

10Erile ki lela ka go bisa go ya ga moea oa me: e rihiloe khobo ea me.

11Mi ka riha matsela a khetse seaparo sa me, mi ka rihega se se shotloañ mo go bona.

12Ba ba rutseñ mo likhoroñ ba ’ntseba; mi ka na sehela sa batagoi.

13Ka ga me, morapelo oa me o go uena, Yehova, mo motleñ oa natehelo; Morimo, ka eintla ea bogolu yoa boicuarelo yoa gago, ’nkutlua mo boamarureñ yoa puluko ea gago.

14’Ncuatola mo morageñ, mi u si ’ntese ka noela; a ki gololoe mo go bona ba ba ’nkilañ, le mo mateñeñ a metse.

15A moroalela oa metse o si ’nkhurumetse; mi a boteñ bo si ’mmetse; mi a molete o si ’ncualelele molomo oa ona.

16Yehova, ’nkaraba, gone boicuarelo yoa gago bo molemo; ’nteba kaha bogoluñ yoa boicuarelo yoa gago.

17U si shubele motlañka oa gago sehatlogo sa gago, gone ki mo poihoñ. Akoha, u ’nkarabe.

18Atamela moea oa me, mi u o golole; ’nkholola ka eintla ea baba ba me.

19Ua itse khobo ea me, le litloñ tsa me, le tlotlologo ea me; baganetsi ba me ba ha pele ga gago botle.

20Khobo e thubile pelu ea me, mi ki koaharicoe bogolu; ki lebeletse eo o utluelañ botluku, mi ga gona ope; le bagomotsi, mi ga kia ka ka ba bona.

21E, ba ’nneile santlukue go na seyo sa me; mi ba ’nneile go noa boyaloa yo bo berileñ mo nyoroñ ea me.

22Lomati loa boyelo loa bona a lo ne serai go bona, mi a lo ne seru go na tuelo go bona e e tletseñ.

23A maitlo a bona a hihihale, gore ba si bone; mi roromisa mañkopa a bona ka gale.

24Gorometsa bogale yo bogolu yoa gago go bona; mi a bogale yoa gago yo bo tukañ bo ba tlamparele.

25A boago yoa bona bo ropeharioe; a go si ne ope eo o agañ mo litenteñ tsa bona.

26Gone ba bogisa eo u meritseñ; mi ba itumela mo bohutsaneñ yoa eo u mo kueneseritseñ.

27Oketsa tsiamololo ea bona ka tsiamololo; mi a ba si hitle go tsiamoñ ea gago.

28A ba tlosioe mo bukeñ ea botselo; mi a ba si kualeloe le basiami.

29Mi ’na, ki humanegile le mo bohutsaneñ; Morimo, a puluko ea gago e ’nkhorise.

30Ki tla baka leina ya Morimo ka sehela; ki o riha mogolu ka boitumelelo.

31Mi bo tla natehela Yehova bogolu go pholuana, e e nañ linaka le litlaku.

32Bapelunomi ba tla bona, mi ba tla itumela; mi lona ba lo batlañ Morimo, pelu tsa lona li tla tsela.

33Gone Yehova o utlua bahumanegi; mi ga a nyatse bagolegoi ba gague.

34A magorimo le lehatsi le mmake; le linoka, le cotle tse ri rokhonyegañ mo go cona.

35Gone Morimo o tla golola Tsiona, mi o tla aga metse ea Yuda; mi bathu ba tla aga gona, mi ba na naeo go na boshua yoa bona.

36Mi losika loa batlañka ba ona lo tla e rua; mi ba ba ratañ leina ya ona ba tla aga gona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help