Bahebera 1 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 1.

1MORIMO o o loa bua mo metleñ ea bogolugolu le bo‐rra ka baperofeti mo mekhueñ e mentsi, le ka gantsi,

2 O buile le rona mo metsiñ enu ea morago, ka Moroa ona, eo o mo laotseñ go na Morena oa lilo cotle, eo le ena, o lo oa riha mahatsi ka ena;

3Eo, ereñ ka e le marañ a khalalelo ea ona, le cuano ea amarure ea boikemo yoa ona, mi a laola lilo cotle ka huku ye le thata ea gague, o rile a sina itsephisa libe tsa rona ka ena ka esi, a lula mo atleñ se se siameñ sa Mogalaleri mo bogorimoñ bogolu.

4Ka a gorisicoe bogolu go baengele, ka a bonye ka boshua leina ye le bonatla bogolu go bona.

5Gone o loa raea moeñgele ohe oa baengele leñ, U Moroake, ki gu tsetse gompienu? Mi gape, Ki tla na rague, mi o tla na Moroake?

6Mi gape o rile o bo o lere motsaloi oa ntla oa ona mo lehatsiñ, oa re, A baengele botle ba Morimo ba mo obamele.

7Mi kaga baengele o re, O o rihañ baengele ba ona lipheho, le bariheri ba ona khabo ea molelo.

8Mi go Moroa, o re, Serulo sa bogosi sa gago, Morimo, se ka bosina bokhutlo yotle; tsama ea bogosi yoa gago ki tsama ea tsiamo.

9U lu ua rata tsiamo, mi u lu ua ila tsiamololo; ki gona Morimo, Morimo oa gago, o gu tloritseñ ka loukuane loa boitumelo bogolu go lilekane tsa gago.

10Mi, Uena, Yehova, u lu ua thaea methao ea lehatse mo tsimologoñ, mi magorimo ki tiho ea atla tsa gago.

11A tla nyelela, mi u tla sala; a tla cohala aotle yaka seaparo,

12Mi u tla a mena yaka kobo, mi a tla onala; mi uena u sa le ena, mi nyaga tsa gago ga li kitla li khutla.

13Le gona o kile o raea moñue oa baengele leñ, Lula ha atleñ sa me se se siameñ, ki tle ki tsamaee ki rihe baba ba gago serulo sa nao tsa gago?

14Botle a ga ba meoea e e rihelañ, e e romecoeñ go thusa bona ba ba tla nañ ba boshua yoa puluko.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help