Basiamisi 18 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 18.

1GABO go sina khosi mo Bayeserelen mo metleñ euo: mi loco loa Dane loa batla boshua ka metla euo, go nna go yona; gone boshua yoa lona yotle bo le bo e si bo coele go lona le go motleñ ouo, mo licoñ tsa Bayeserela.

2Mi bana ba Dane ba roma ga loco loa bona banona ba faeve ba bonatla, ba meleloane ea bona, ba Tsora, le ba Eshetaola, go tlola lehatsi, le go le tlotlomisa; mi ba ba raea, Eañ, tlotlomisañ lehatsi. Mi ba hitla kua thabeñ tsa Eferaima, le kua tluñ ea Mike, mi ba tlola bosigo gona.

3Mi ka ba le ha tluñ ea Mike, ba itse koru ea lekau ya Moleva; mi ba hapogela gona, ba le raea, U leriloe e mañ monu? mi u rihañ monu? mi u na le eñ monu?

4Mi ya ba raea, Mike o ’ntihetse yalo le yalo, o ’ntaleritse, mi ki moperiseti oa gague.

5Mi ba le raea, A ko u lope khakololo mo Morimoñ, gore re itse ha tsela e re eañ ka eona e tla tsegahala.

6Mi moperiseti a ba raea, Eañ ka kagisho: tsela e lo eañ ka eona e ha pele ga Yehova.

7¶ Ereha gona banona ba faeve ba, ba eañ ba hitla Laisha, mi ba bona bathu ba ba go ona, ba nntse thagamo, yaka mokhua oa Batsidona, ba iketlile le thagamo; mi gabo go si sina mo-thibi mo hatsiñ, eo o ko a tlabisa señue litloñ; mi ba bo ba le khakala le Batsidona, mi ba bo ba sina tihalano le ope.

8Mi ba hitla baneñ ba rabo kua Tsora le Eshetaola: mi bana ba rabo ba ba raea, Loa reñ?

9Mi ba re, Nanogañ, mi re ba bololeleñ, gone re bonye lehatsi, mi bonañ, le molemolemo; a lo tla ririmala? si buruhaleñ go bolola, go ea go hitla, le go rua lehatsi yeuo.

10Mogañ lo hitlañ gona, lo tla hitla go bathuñ ba ba thagameñ, mi hatsi yeuo le atlame: gone Morimo o le lo tsentse mo liatleñ; ki helo ha go sinañ botloko yoa señue se se mo lehatsiñ.

11¶ Mi ga tloga gona banona ba sekes hundereda ba tlometse libolao, ba sika loa Badana, eboñ ba Tsora le ba Eshetaola.

12Mi ba bolola ba tlaolela kua Kireyata‐yeraima, kua Yuda: ki gona ba bitsañ helo hoñ Mahanedana le ka yenu: bonañ, o kua morago ga Kireyata‐yearima.

13Mi ba coa gona ba khabaganyetsa kua thabeñ tsa Eferaima, mi ba hitla go tluñ ea Mike.

14Ereha gona go buañ banona ba faeve ba ba le ba ea go tlola hatsi ya Laisha, mi ba raea bana ba rabo, A loa itse ha efoda e mo matluñ ua, le literafa le secuanco se se setiloeñ se se thecoeñ? mi ki gona gopolañ se lo ka se rihañ.

15Mi ba hapogela gona ba hitla go tluñ ea lekau ya Moleva, eboñ eintlu ea Mike, mi ba le rumerisa.

16Mi banona ba sekes hundereda ba bana ba Dane ba ba tlometseñ libolao tsa bona, ba ema ha moyakoñ oa khoro.

17Mi banona ba faeve ba ba le ba ea go tlola lehatsi, ba ea, ba tsena gona, ba tsaea secuanco se se setiloeñ se se thecoeñ, le efoda, le literafa: mi moperiseti a bo a eme ha moyakoñ oa khoro le banona ba sekes hundereda, ba ba tlometseñ libolao.

18Mi banona ba, ba tsena mo tluñ ea Mike, mi ba tsaea secuanco se se setiloeñ se se thecoeñ, le efoda, le literafa. Mi moperiseti a ba raea, Lo rihañ?

19Mi ba mo raea, Ririmala; u bee atla sa gago ha molomoñ oa gago, mi u ee le rona, mi u ne rara le moperiseti oa rona: a goa gu lemohalela go na moperiseti oa eintlu ea monona a le moñue, khotsa go na moperiseti oa loco le losika loa Bayeserela?

20Mi pelu ea moperiseti ea nateha, mi a tsaea efoda, le literafa, le secuanco se se setiloeñ, mi a ea le bathu ba.

21Mi ba menoga, ba ea, ba baea banyana, le likhomu, le tse ri rategañ ha pele ga bona.

22¶ Mi erile ba le khakala le eintlu ea Mike, ga bilerioa mogo banona ba ba mo matluñ a a ha tluñ ea Mike, mi ba hitlela bana ba Dane.

23Mi ba biletsa go bana ba Dane, Mi ba retolola hatlogo tsa bona, ba raea Mike, Go rihetseñ nau? ka lo bilericoe mogo.

24Mi a re, Lo tlositse merimo ea me e ki e rihileñ, le moperiseti, mi lo tlogile: mi yana ki na le eñ se se setseñ? mi eñ se lo se buañ le ’na, lo re, Go rihetseñ nau?

25Mi bana ba Dane ba mo raea, A koru ea gago e si utluale go rona, gore e si re khotsa banona ba bogalaka ba gu oela, mi ua latlegeloa ki botselo yoa gago, le matselo a ba eintlu ea gago.

26Mi bana ba Dane ba ea mo tseleñ ea bona: mi ka Mike a bona ha ba le thata bogolu go ena, a menoga a boela kua tluñ ea gague.

27Mi ba tsaea tse Mike o la a li riha, le moperiseti eo o la a na nae, mi ba tla go Laisha, go bathuñ ba ba iketlileñ, ba thagamo, mi ba ba khemetha ka boyetla yoa caka, ba cuba motse ka molelo.

28Mi gole go sina mogolori, gone ba bo ba le khakala le Tsidona, mi ba bo ba sina tihalano le ope; mi ba bo ba le mo mogorogoroñ o o ha Beta‐rehoba. Mi ba aga motse ba nna go ona.

29Mi ba bitsa leina ya motse Dana, kaha ineñ ya Dane rabo, eo o la a tsaleloa Yeserele: mi leina ya motse e le le Laisha pele.

30¶ Mi bana ba Dane ba ikemisetsa secuanco se se setiloeñ: mi Yonatane moroa Gereshone, moroa Manase, eo le bana ba gague e le le baperiseti ba loco loa Dane go ea motleñ oa bocuaro yoa lehatsi.

31Mi ba ikemisetsa secuanco se se setiloeñ sa Mike, se o la a se riha, mo malatsiñ aotle a, eintlu ea Morimo e le le kua Shilo ka aona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help