1MI lehuku ya ga Yehova ya ’ntihahalela ya re,
2Moroa mothu, perofeseletsa baperofeti ba Bayeserela ba ba perofesañ, mi u ree bona ba ba perofesañ kaha peluñ tsa bona, Utluañ lehuku ya ga Yehova:
3Go bua yalo Yehova Morena: Go latlega baperofeti ba bosilo, ba ba latelañ meoea ea bona, mi ba si ka ba bona sepe!
4Lona Bayeserela, baperofeti ba lona ba cuana le liphukuye mo likhakhabaloñ.
5Go loa ka loa tlatlogela mo likha-gogoñ, le esiñ go agela ba ntlu ea Yeserela lorako, go ema mo tlabanoñ ka tsatsi ya ga Yehova.
6Ba bonye boithamako le boitseyoanape yoa kako, ba re, Yehova a bua: ecua Yehova a si ka a ba isa, mi ba shuleherisa ha lehuku ya bona le tla tlomamisioa.
7¶ A ga loa ka loa bona pontsisho ea boithamako, le go bua boitseyoanape yoa kako, ecua lo re, Yehova a bua; yalo ki si ka ka bua?
8Ki gona go buañ yalo Yehova Morena: Ka lo buile boithamako, le go bona leaka, ki gona, bonañ, ki emelelanye le lona, go bua Yehova Morena.
9Mi atla sa me se tla na mo baperofetiñ ba ba bonañ boithamako, le boitseyoanape yoa kako: ga ba kitla ba na mo khakololoñ ea bathu ba me, le esiñ go kualoa mo kualoñ loa ba ntlu ea Yeserela, le esiñ go tsena mo lehatsiñ ya Bayeserela; mi lo tla itse ha ki le Yehova Morena.
10Ka gone, E, ka gone ba timeritse bathu ba me, ba re, Kagisho; mi kagisho e sieo; mi moñue a aga lomota, mi bonañ, ba bañue ba lo batega ka sebatego se se sa ruyoeñ:
11Raea ba ba lo bategañ ka sebatego se se sa ruyoeñ, u re, Lo tla oa: go tla na pula e e penololañ; mi lona, lihako tse ri kholu, lo tla oa; mi seheho se tla lo gagola.
12Bonañ, mogañ lomota lo oañ, a ga lo kitla lo reoa, Patego e kae e lo lo bategileñ ka eona?
13Ki gona go buañ yalo Yehova Morena: E, ki tla lo gagola ka seheho ka khaleho ea me; mi go tla na pula e e penololañ ka bogale yoa me, le lihako tse ri kholu ka khaleho ea me go lo nyeletsa.
14Yalo ki tla rutla lomota lo lo lo bategileñ ka sebatego se se sa ruyoeñ, ki lo holosetsa mo mbuñ, mi motheo oa lona o tla bipololoa, motse o tla oa yalo, mi lo tla nyelela mo go ona: mi lo tla itse ha ki le Yehova.
15Ki tla rihahaletsa yalo bogale yoa me mo lomoteñ, le go bona ba ba lo bategileñ ka sebatego se se sa ruyoeñ, mi ki tla ba raea, Lomota ga loeo, le ba ba lo bategileñ ga baeo;
16 Eboñ baperofeti ba Bayeserela ba ba perofesañ kaga Yerusalema, ba ba o bonelañ pontsisho ea kagisho, mi kagisho e sieo, go bua Yehova Morena.
17¶ Mi, uena moroa mothu, tsepegela bomoroaria bathu ba me hatlogo sa gago, ba ba perofesañ kaha peluñ tsa bona: mi u ba perofeseletse,
18Mi u re, Go bua yalo Yehova Morena: Go latlega basari ba ba roke-lañ mahuaha aotle mesamo, le go rihela tlogo tsa ba ba rulaganañ botle liroalo go coma meoea! A lo tla coma meoea ea bathu ba me, mi a lo tla itserisetsa meoea?
19A lo tla ’ntsepholola mo bathuñ ba me, ka liatla tse ri tletseñ barele le likabetla tsa señkhue, go bolaea meoea e e sa cuanelañ go bolaoa, le go tserisa meoea e e sa cuanelañ go tsela, ka lo aketsa bathu ba me ba ba utluañ maka?
20Ki gona go buañ yalo Yehova Morena: Bonañ, ki emalanye le mesamo ea lona, e lo comañ meoea ka eona gona, go e cosa, mi ki tla e garola mo mabogoñ a lona, ki theletsa meoea e lo e comañ, eboñ meoea go e cosa.
21Mi ki tla garola liroalo tsa lona, ki golola bathu ba me mo atleñ tsa lona; mi ga ba kitla ba tlola ba na mo atleñ tsa lona go coñoa: mi lo tla itse ha ki le Yehova.
22Ka gone lo tlukuharitse pelu tsa basiami ka tsieco, ba ki si kañ ka ba tlukuhatsa, le go thatahatsa liatla tsa baikepi, gore ba se boee mo tseleñ ea bona ea boshula, gore ba tsele:
23Ki gona lo si kitlañ lo tlola lo bona boithamako le esiñ go riha ka boitseyoanape: gone ki tla golola bathu ba me mo atleñ tsa lona: mi lo tla itse ha ki le Yehova.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.