Yeremie 35 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 35.

1LEHUKU ye le ya rihalela Yeremie ye le coañ go Yehova ka malatsi a Yehoyakime moroa Yosie khosi ea Yuda, ya re,

2Ea kua tluñ ea Barekaba, u bue le bona, mi u ba tlise mo tluñ ea ga Yehova, go ñue ea matluana, mi u ba nee boyaloa go bo noa.

3Mi ka tsaea Yasanie moroa Yeremie, moroa Habatsinie, le bana ba ga rague, le bomoroaue botle, le ba ntlu ea Barekaba botle:

4Mi ka ba isa mo tluñ ea ga Yehova, mo ntluaneñ ea bomoroa Hanane moroa Yegedalie, monona oa Morimo, e e le le ha ntluaneñ ea likhosana, e e gorimo ga ntluana ea Maseye moroa Shalume, morisa oa moyako.

5Mi ka baea liñkho tse ri tletseñ boyaloa, le linoelo, mi ka ba raea, Noañ boyaloa.

6Mi ba re, Ga re kitla re noa boyaloa: gone Yonadabe moroa Rekabe rra ecu, a re laotse, a re, Si noeñ boyaloa, lona, le esiñ bana ba lona ka bosakhutleñ:

7Le gona si ageñ matlu, le go yala peu, le go tloma masimo a mevina, le go na nao: mi nnañ mo litenteñ ka malatsi aotle a lona; gore lo tsele ka malatsi mantsi mo hatsiñ ye lo baeñ go yeona.

8Re aketse yalo koru ea ga Yonadabe moroa Rekabe rra ecu kaha cotleñ tse o li re laoletseñ, esiñ go noa boyaloa ka malatsi aotle a rona, rona, le basari ba rona, le bomoroa rona, le bomoroaria rona;

9Le esiñ go ikagela matlu go nna go aona: le gona ga re na masimo a mevina, le maota, le peu:

10Mi ra nna mo litenteñ, mi ra akela, ra riha kaha cotleñ tse Yonadabe rra ecu o li re laoletseñ.

11Mi ga rihala ka Nebukadenetsare khosi ea Babelona a tsena mo lehatsiñ, ra re, Tlañ, a re eeñ Yerusalema, re tsabe ntua ea Bakaledia le ntua ea Basiria: ki gona re nntseñ mo Yerusalema.

12¶ Ereha gona lehuku ya ga Yehova le rihalelañ Yeremie, le re,

13Go bua yalo Yehova oa lintua, Morimo oa Bayeserela: Ea, u ree banona ba Yuda le banni ba Yerusalema, A ga lo kitla lo cula thuto go retsa mahuku a me? go bua Yehova.

14Mahuku a ga Yonadabe moroa Rekabe, a o la a laolela bana ba gague, gore ba si noe boyaloa, a tlomamisicoe; gone ba aketse taolo ea rabo, gone ba si ka ba bo noa le ka yenu: mi ’na ki buile le lona, ka phakela go bua; mi ga loa ka loa ’nthetsa:

15Mi ka roma baperofeti batlañka ba me botle go lona, ka go phakela go roma, ka re, A moñue le moñue oa lona a boee yana mo tseleñ ea gague e e boshula, mi lo tlabolole tiho tsa lona, mi si ineleñ merimo e sele go e rihela, mi lo tla nna mo hatsiñ ye ki le lo neileñ le bo‐rra enu: mi ga loa ka loa sekega tsebe tsa lona, le esiñ go ’nthetsa.

16Ecua bomoroa Yonadabe moroa Rekabe ba tlomamisitse taolo ea rabo, e o e ba laoletseñ; mi bathu ba, ga ba ka ba ’nthetsa;

17Ki gona go buañ yalo Yehova Morimo oa lintua, Morimo oa Bayeserela: Bonañ, ki tla tlisetsa Yuda le banni botle ba Yerusalema boshula yotle yo ki bo buileñ kaga bona: gone ki buile le bona, mi ba si ka ba utlua; mi ki bileritse go bona, mi ga ba ka ba araba.

18¶ Mi Yeremie a raea ba ntlu ea Barekaba, Go bua yalo Yehova oa lintua, Morimo oa Bayeserela: Ka lo aketse taolo ea ga Yonadabe rra enu, lo tsegeritse taolo tsa gague cotle, le go riha kaha cotleñ tse o li lo laoletseñ,

19Ki gona go buañ yalo Yehova oa lintua, Morimo oa Bayeserela: Ga go kitla go khaoloa go Yonadabe moroa Rekabe monona go ema ha pele ga me ka bosakhutleñ.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help