1MI cotle tse li sina uerioa, Bayeserela ba ba bonoañ botle ba ea kua metseñ ea Yuda, ba thubaganya licuanco tse ri thokhameñ, ba rema likhuana, ba rutla mahelo a a gorimo le lialetara mo Yudeñ le Benyamina, le mo Eferaima le Manasa eotle, ea tsamaea ba herisa cotle. Ereha gona bana ba Yeserele botle ba boeañ, moñue le moñue, a ea kua boshueñ yoa gague, kua metseñ ea bona.
2Mi Yehisikie a laolela liphapano tsa baperiseti le Baleva kaha liphapanoñ tsa bona, moñue le moñue kaha tiheloñ ea gague, baperiseti le Baleva go riha cupelo tsa phisho, le cupelo tsa tebogo, go rihela, le go leboga, le go baka mo likhoroñ tsa litenta tsa Yehova.
3Le eona kabelo ea khosi, eboñ ea lithuo tsa eona, go na licupelo tsa phisho, eboñ cupelo tsa phisho tsa mosho le tsa matsiboea, le cupelo tsa phisho tsa lisabata, le tsa likhueri linca, le tsa meletlo, yaka go kuariloe mo molaoñ oa Yehova.
4Le gona a raea bathu ba ba nntseñ mo Yerusalema gore ba nee kabelo ea baperiseti le Baleva, gore ba thatahale mo molaoñ oa Yehova.
5¶ Mi lehuku ye le sina anamela eintle, bana ba Yeserele ba isa mauñuo a eintla a mabele, le a boyaloa, le a loukuane, le a linotse, le a totahalo eotle ea leota ka bogolu; le maten a cotle ba a isa ka bontsi.
6Mi bana ba Yeserele le Bayuda, ba ba nntseñ mo metseñ ea Yuda, le bona ba isa maten a likhomu le a liñku, le maten a lilo tse ri itsephileñ tse ri tsephetseñ Yehova Morimo oa bona, mi tsa na mekoa e mentsi.
7Ba simolola go baea metheo ea mekoa ka khueri ea bo‐teri, mi ba e uetsa ka khueri ea bo‐seven.
8Mi ka Yehisikie le likhosana ba ea ba bona mekoa, ba baka Yehova, le Bayeserela bathu ba gague.
9Ereha gona Yehisikie o botsañ baperiseti le Baleva kaga mekoa.
10Mi Asarie moperiseti eo mogolu, oa ba eintlu ea Tsadoke, a mo araba, a re, Re na le tekano go yela khoro, le go sarisa segolu, go simolola ka tsatsi ye ba simololañ go tlisa cupelo tsa culeco mo tluñ ea Yehova; gone Yehova o tsegaharitse bathu ba gague; mi bogolu yo ki yona yo bo setseñ.
11¶ Mi Yehisikie a laola go bakanya matlu a pulukelo mo tluñ ea Yehova; mi ba a bakanya,
12Mi ba isa cupelo tsa culeco, le maten, le lilo tse ri itsephileñ, ka boikaño: mi Konanie Moleva e le le molaori oa cona, mi Shime ñoana rague e le le oa bo‐tu.
13Mi Yehiele, le Asasie, le Nahate, le Asahele, le Yerimote, le Yosabade, le Eliele, le Yisemakie, le Mahate, le Benaye, balebalebi, ba laoloa ki Konanie le Shime ñoana rague, ka taolo ea Yehisikie khosi, le Asarie molaori oa eintlu ea Morimo.
14Le Kore moroa Yimene Moleva, morisi oa khoro ha eintleñ ea Iseta, a na le taolo cupeloñ tsa peleego tsa Morimo, go abela cupelo tsa culeco tsa Yehova, le lilo tse ri itsephileñ tsa maitsepho.
15Mi morago ga gague e le le Edene le Minyamine, le Yeshue, le Shemaye, le Amarie, le Shekanie, mo metseñ ea baperiseti, mo boikañoñ yoa bona, go abela bana ba ga rabo mo liphapanoñ, ba bagolu yaka ba botlana:
16Le bona ba ba mo paloñ ea losika ea lonona, go simolola ka ba nyaga li teri le kua pele, eboñ botle ba ba tsenañ mo tluñ ea Yehova, ba abeloe kabelo ea tsatsi le tsatsi ka tihelo ea bona, mo tebeloñ tsa bona kaha liphapanoñ tsa bona;
17Le ba ba mo paloñ ea losika ea baperiseti kaha matluñ a bo‐rabo, le Baleva go simolola ka nyaga li tuente le kua pele, mo tebeloñ tsa bona kaha liphapanoñ tsa bona;
18Le kua paloñ ea losika ea banyana ba bona botle, le basari ba bona, le bomoroa bona, le bomoroaria bona, mo phuthegoñ eotle: gone ba itsephela mo boitsephoñ, boikañoñ yoa bona:
19Le bona bomoroa Arone baperiseti ba ba mo linageñ tsa lintlana tsa metse ea bona, mo motseñ moñue le moñue, banona ba ba birioañ ka maina, go naea lonona lotle mo baperisetiñ, le botle ba ba baloañ mo Baleveñ mo paloñ tsa litsika likabelo.
20¶ Mi Yehisikie a riha yalo mo Yudeñ yeotle, mi a lemohatsa, a siamisa, a rurehatsa ha pele ga Yehova Morimo oa gague.
21Mi tiho cotle tse o li simolotseñ mo tiheloñ ea eintlu ea Morimo le mo molaoñ, le mo taoloñ, go batla Morimo oa gague ka cona, a li riha ka pelu ea gague eotle, mi a tsegahala.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.