Episetole go Baroma 16 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 16.

1FEBE, khantsaria rona, kia mo lo kaelela, eo e leñ mohula oa ekelesia e e kua Kenkerea;

2Gore lo mo cule mo Moreneñ, yaka go cuanela baitsephi; le go mo thusa mo tihoñ leha e le ehe, e o tlokañ thusho ea lona go eona; gone o la a le mothusi oa bantsi, le oa me ka ’nosi.

3Rumerisañ Peresile le Akuile, bathusi ba me mo go Keresete Yesu;

4Ba ba beetseñ thamo tsa bona botselo yoa me; ba ki sa ba itumeleleñ ’nosi, mi le cona liekelesia cotle tsa bahaitene.

5Le gona rumerisañ ekelesia e e mo tluñ ea bona. Rumerisañ Epaineto, eo o leñ louñuo loa ntla loa Akaia mo go Keresete.

6Rumerisañ Marie, eo o re rihetseñ bogolu.

7Rumerisañ Anderoniko, le Yunie, tsala tsa me, le bagolegoi le ’na, ba ba kaeioañ segolu mo baapostoloiñ, ba le bona ba le ba le mo go Keresete pele ga me.

8Rumerisañ Ampilie, moratoi oa me mo Moreneñ.

9Rumerisañ Urobane, mothusi oa rona mo go Keresete, le Setaku, moratoi oa me.

10Rumerisañ Apile, eo o lekiloeñ mo go Keresete. Rumerisañ ba e leñ ba ntlu ea ga Arisetobulu.

11Rumerisañ Herodion, tsala ea me. Rumerisañ ba e leñ ba ntlu ea ga Narekisu; ba ba mo Moreneñ.

12Rumerisañ Terafaine le Terafose, basari ba ba rihañ mo Moreneñ. Rumerisañ Peresi, moratoi, eo o la a riha segolu mo Moreneñ.

13Rumerisañ Rufo, moitseñkeroi mo Moreneñ, le mague le mme.

14Rumerisañ Asenkirito, le Felegone, le Heremane, le Peterobe, le Hereme, le bakauleñue ba ba nañ nabo.

15Rumerisañ Filologo, le Yulie, le Neree, le khantsarie, le Olumpe, le baitsephi botle ba ba ba nañ nabo.

16Rumerisanañ ka katlo ea boitsepho. Liekelesia tsa ga Keresete lia lo rumerisa.

17Bakauleñue, yana kia lo rapela, elañ tloko ba ba rihañ likhaoganyo, le likhopisho tse ri ganetsañ le thuto e lo e rutiloeñ; mi ba thibogeleñ.

18Gone ba bantseñ yalo ga ba rihela Yesu Keresete Morena oa rona, mi ba rihela mpa tsa bona; mi ba timetsa pelu tsa ba ba pelunomi ka puo tse liñtle, le lipakisho.

19Gone kutluo ea lona e tlile go botle. Ki gona ki itumelañ ka ntla ea lona; mi ki rata gore lo tlalehe mo molemoñ, le tsisimogo kaga boshula.

20Mi Morimo oa kagisho, o tla akoha o gatela Satane tlatse ga nao tsa lona. Tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona, e ne le lona. Amena.

21Timoteo, moriheri le ’na, le Lukio, le Yasone, le Sosipatere, litsala tsa me, ba lo rumerisa.

22’Na Teritio, eo o kuarileñ episetole e, kia lo rumerisa mo Moreneñ.

23Gaiu, motlameri oa me, le oa ekelesia eotle, oa lo rumerisa. Eraseto, motlameri‐motse, oa lo rumerisa, le Kuareto, mokauleñue.

24Tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona, e ne le lona lotle. Amena.

25Mi yana ena eo o nonohileñ go lo tlomamisa kaha evangelioñ ea me, le thero ea ga Yesu Keresete, kaha ponatsegoñ ea bosaitsioeñ yo e saleñ bo shuyoa tsimologoñ ea lehatse,

26Mi yana bo bonatsicoeñ, le ka likualo tsa baperofeti, kaha taoloñ ea Morimo o o sa khutleñ, yo bo itsisicoeñ bahaitene botle go kutloñ ea tumelo;

27A khalalelo e ne Morimoñ o o botlale osi, ka bosina bokhutlo, ka Yesu Keresete. Amena.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help