2 Litihalo 35 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 35.

1MI Yosie a rihela Yehova Tlolaganyo mo Yerusalema: mi ba tlaba Tlolaganyo ka tsatsi ya bo‐forten ya khueri ea eintla.

2Mi a emisa baperiseti mo tebeloñ tsa bona: mi a ba thatahaletsa mo tiheloñ ea eintlu ea Yehova.

3Mi a raea Baleva ba ba itsephetseñ Yehova, ba ba rutañ Bayeserela botle, a re, Lo bee areke ea boitsepho mo tluñ e Solomone moroa Davide khosi ea Bayeserela o e agileñ; ga lo na melego mo maruliñ a lona: yana lo rihele Yehova Morimo oa lona, le Bayeserela bathu ba gague,

4Mi ipakanyeñ kaha matluñ a bo‐rra enu, kaha phapanoñ tsa lona, le kaba kualoñ loa Davide khosi ea Bayeserela, le kaha kualoñ loa Solomone moroaue.

5Mi emañ mo heloñ ga boitsepho kaha likhaoganoñ tsa matlu a bo‐rara ba bana ba rra‐enu, eboñ bathu, le kaha phapanoñ ea matlu a bo‐rara ba Baleva.

6Mi tlabañ Tlolaganyo, mi lo itsephe, mi bakanyañ bo‐rra enu, gore ba rihe kaha hukuñ ya Yehova ye le neiloeñ ki Moshe.

7¶ Mi Yosie a nela bathu likuana, le lipotsane tsa lihutsane cupelo tsa Tlolagango cotle, eboñ ba ba bonoañ botle, palo ea cona e le le li terete thousanda, le lipoana li teri thousanda: tseuo e le le tsa lithuo tsa khosi.

8Le likhosana tsa eona tsa naea bathu, le baperiseti, le Baleva ka peleego: Hilekie le Sekarie le Yehiele, balaori ba eintlu ea Morimo, ba naea baperiseti lihutsane li tu thousanda le sekes hundereda, le likhomu li teri hundereda, go na cupelo tsa Tlolaganyo.

9Le Konanie, le Shemaye, le Netanele, bana ba ga rague, le Hashabie le Yeyele le Yosabade, balaori ba Baleva, ba naea Baleva lihutsane li faeve thousanda, le likhomu li faeve hundereda, go na cupelo tsa Tlolaganyo.

10Tihelo ea bakañoa yalo, mi baperiseti ba ema mo boemoñ yoa bona, le Baleva mo phapanoñ tsa bona, kaha taoloñ ea khosi.

11Mi ba tlaba Tlolaganyo, mi baperiseti ba khatsa mari ka atla tsa bona, mi Baleva ba li bua.

12Mi ba tlosa cupelo tsa phisho, gore ba li nee bathu kaha likhaoganoñ tsa matlu a bo‐rabo, go li isa go Yehova, yaka go kuariloe mo bukeñ ea Moshe. Le likhomu ba li riha yalo.

13Mi ba apaea Tlolaganyo ka molelo kaha mokhueñ: mi tse ri itsephileñ ba li apaea mo lipitseñ, le mo likalederoneñ, le mo meritsaneñ, ba li abela bathu botle ka bonako.

14Mi morago ga mouo ba ikitlele-tsa, le baperiseti: gone baperiseti bomoroa Arone ba le ba kakega ka go hisa cupelo tsa phisho le tsa mahura go ea bosigoñ; ki gona Baleva ba ipakanyetsañ le baperiseti bomoroa Arone.

15Mi baoperi bomoroa Asafe ba le mo boemoñ yoa bona kaha taoloñ ea Davide, le Asafe, le Hemane, le Yedutune molebi oa khosi: mi barisi ba khoro ha khoroñ eñue le eñue; ba le ba si kake ba tlogela tihelo ea bona, gone Baleva bana ba ga rabo ba ba bakanyetsa.

16Mi tihelo ea Yehova eotle e le ea bakañoa ka tsatsi yeuo, go riha Tlolaganyo, le go hisetsa cupelo tsa phisho ha aletareñ ea Yehova, kaha taoloñ ea Yosie khosi.

17Mi bana ba Yeserele ba ba le ba le gona ba riha Tlolaganyo ka motla ouo, le moletlo oa señkhue se se sa berisioañ ka malatsi a seven.

18Mi gole go si ka ga rihoa Tlolaganyo mo Bayesereleñ yaka e, le ka malatsi a Samuele moperofeti; mi khosi tsa Bayeserela cotle li si ka tsa riha Tlolaganyo e entseñ yaka e Yosie o e rihileñ, le baperiseti, le Baleva, le Bayuda le Bayeserela botle ba ba le ba le gona, le banni ba Yerusalema.

19Mi Tlolaganyo e, e le ea rihoa ka ñuaga oa bo‐eiten oa pusho ea Yosie.

20¶ Morago ga cotle tseuo, Yosie a sina bakanya eintlu, Nekoe khosi ea Egepeto a bolola go tlabana le Karekemishe ha Euferate: mi Yosie a mololela.

21Mi Nekoe a romela baroñoi go ena, a re, Ki rihañ le uena, uena khosi ea Yuda? Kaga gago, ga ki gu bololele ka yenu, e le le bona ba ba tlabanañ le ’na: gone Morimo o rile ki itlaganele: khutlela Morimo o o nañ le ’na, gore o si gu senye.

22Mi Yosie a si ka a bosa hatlogo sa gague go ena, mi a iphetola gore a tlabane nae, a sa retse mahuku a Nekoe mo molomoñ oa Morimo, mi a ea a tlabana mo mogorogoroñ oa Megido.

23Mi bahuri ba hula Yosie khosi; mi khosi ea raea batlañka ba eona, ’Ntlosañ; gone ki kuenesicoe thata.

24Mi batlañka ba eona ba e entsa mo carioteñ e, ba e tsenya mo carioteñ-ea bo‐tu e e nañ naeo; mi ba e isa go Yerusalema, mi ea shua, ea hitloa mo liphupuñ tsa bo‐raeo. Mi Yuda le Yerusalema eotle ea hutsahalela Yosie.

25¶ Mi Yeremie a hutsahalela Yosie: le bona baoperi le baoperi ba sesari ba bua ga Yosie mo likhutsahaleloñ tsa bona le ka yenu, mi ba li riha taeo mo Bayesereleñ: mi bonañ, li kuariloe mo likhutsahaleloñ.

26Mi tihalo tse ri setseñ tsa ga Yosie, le pelunoni ea gague, kaha go kuariloeñ mo molaoñ oa Yehova ka gona,

27Le litihalo tsa gague, tsa eintla le tsa bohelo, bonañ, li kuariloe mo bukeñ ea likhosi tsa Bayeserela le Yuda.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help