Lipesalema 2 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

PESALEM 2.

1BAETENI ba tseneloañ, mi bathu ba gakologeloa lilo tsa boithamako?

2Likhosi tsa lehatsi lia ikemisa, mi balaori ba gakololana mogo go emalana le Yehova, le go emalana le Motlorioi oa gague, ba re,

3A re khaoleñ lithapo tsa bona, mi re latle linti tsa bona go li tlosa go rona.

4Eo o rutseñ mo legorimoñ o tla tsega; Morena o tla ba shotla.

5Eriha gona o tla buañ le bona ka bogale yo bogolu yoa gague, mi o tla ba rera ka bogale yo bo boitsegañ yoa gague.

6Leha gontse yalo ki tloritse khosi ea me mo Tsiona, thaba ea khalalelo ea me.

7Ki tla bulela ga boikaelelo; Yehova o ’ntheile, Uena u Moroake, ki gu tsetse gompionu.

8Lopa go ’na, mi ki tla gu naea Baeteni go na boshua yoa gago, le likhutlo tsa lehatsi go na boago yoa gago.

9U tla ba phatlakanya ka tsama ea tsipe, mi u tla ba thubaganya yaka seyana sa mopi.

10Ki gona yana, likhosi ki lona, nañ botlale; iteseñ lo rutoe, lona basekisi ba lehatsi.

11Rihelañ Yehova ka poiho, mi itumeleñ ka thoromo.

12Atlañ Moroa, gore a si galehe, mi loa nyelela mo tseleñ, mogañ bogale yoa gague bo tukañ go le gonye; go tsegaharicoe botle ba ba mo ikanyañ.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help