1EREHA gona re menogañ ra hurugela bogareñganaga, ha tseleñ ea Leoatle ye le Hubiru, yaka Yehova a ’nthaea: mi ra rikologa thaba tsa Seira malatsi mantsi.
2Mi Yehova a ’nthaea, a re,
3Ga lo bolo rikologa thaba e: menogelañ Noreteñ.
4Mi laola bathu, u re, Lo tla khabaganya moleloane oa bana ba ga Esaue, bana ba ga rra enu ba ba nntseñ mo Seira; mi ba tla lo boiha: ki gona itiseñ thata:
5Lo si ba khobere; gone ki si kitla ki lo naea ga lehatsi ya bona, le esiñ go le kana ka khato ea lonao; gone ki netse Esaue thaba tsa Seira boshua.
6Lo reke liyo go bona ka mari gore lo ye; mi le gona lo reke metse go bona ka mari gore lo noe.
7Gone Yehova Morimo oa lona a lo tsegaharitse mo tihoñ cotle tsa atla tsa lona: o itse tsepelo ea lona mo bogareñganaga yo bogolu yo: Yehova Morimo oa lona o la a na le lona ka nyaga li forte tse; mi ga loa ka loa tloka sepe.
8Mi erile re khabaganya re coa mo baneñ ba ga Esaue, bana ba ga rra ecu ba ba nntseñ mo Seira, ka tsela ea sekaka e e coañ Elata le Etsiona‐gabera, ra menoga, ra khabaganya ka tsela ea bogareganaga yoa Moaba.
9Mi Yehova a ’nthaea, Si tlasele Bamoaba, mi u si ba khobere mo tlabanoñ; goñe ki si kitla ki gu naea boshua yoa lehatsi ya bona; gone ki neile bana ba ga Lote Ara boshua.
10Baema ba le ba nna pele go yeona, bathu ba ba ima, ba bantsi, ba balele, yaka Baanaka;
11Le bona ba le ba kaioa merobana yaka Baanaka; mi Baamoaba ba ba bitsa Baema.
12Le gona Bahora ba le ba nna pele mo Seira; mi bana ba ga Esaue ba ba rulola, ba ba senya ha pele ga bona, mi ba nna mo bonnoñ yoa bona; yaka Bayeserela ba le ba riha mo hatsiñ ya boshua yoa bona, ye Yehova o le ba neileñ.
13Yana nanogañ, mi lo khabaganye molacoana oa Sareda. Mi ra khabaganya molacoana oa Sareda.
14Mi yana metla e, re le ra tsamaea ka eona go coa Kadeshabarenea, ea tsamaea ra khabaganya molacoana oa Sareda, e le le nyaga li terete‐eit; ea tsamaea kokomana ea batlabani eotle a nyelerioa mo entueñ, yaka Yehova a la a ba ikanela.
15Gone rure atla sa ga Yehova se le se le mo go bona, go ba tsianya mo entueñ, ba tsamaea ba nyelerioa.
16¶ Mi ga rihala ka batlabani botle ba sina nyelela, ba shua mo bathuñ,
17Yehova a ’nthaea, a re,
18U khabaganye ha go Ara, moleloane oa Moaba ka yenu:
19Mi etlare u atamela go lebagana le bana ba ga Amone, u si ba tlasele, mi si ba khobere: gone ki si kitla ki gu naea boshua yoa lehatsi ya bana ba ga Amone; gone ki le neile bana ba ga Lote boshua.
20(Ye, le yeona le kailoeñ lehatsi ya merobana: merobana e le ea nna pele go yeona; mi Baamora ba e bitsa Basamsuma.
21Bathu ba ba ima, ba bantsi, ba ba lele yaka Baanaka; mi Yehova o la a ba senya ha pele ga bona; mi ba ba rulola; ba nna mo bonnoñ yoa bona:
22Yaka a la a rihela bana ba ga Esaue, ba ba le ba nna mo Seira, ka a senya Bahora ha pele ga bona; mi ba ba rulola, ba nna mo bonnoñ yoa bona le ka yenu:
23Mi Bakafetora ba ba ruleñ Kafetora ba senya Baava, ba ba le ba nna kua Hatserima, le go ea kua Gasa, mi ba nna mo bonnoñ yoa bona.)
24¶ Nanogañ, lo huruge, mi lo khabaganye molacoana oa Arenona; bonañ, ki tsentse Sihone, Moamora, khosi ea Heshebona, le lehatsi ya gague mo atleñ tsa lona: simololañ go le rua, mi khoberanañ nabo mo tlabanoñ.
25Ki tla simolola ka yenu go tsenya therisho ea lona, le poiho ea lona mo meraheñ e e tlatse ga legorimo yeotle, e e tlareñ e utlua tumeri ea lona, e rorome, e tlaleloe ha pele ga lona.
26¶ Mi ki le ka roma baroñoi go coa bogareñganaga yoa Kedemota, go ea go Sihone khosi ea Heshebona ka mahuku a kagisho, go re,
27’Ma ki khabaganye lehatsi ya gago: ki tla ea ka tsela ea mheru, ga ’nkitla ki hapogela atleñ se se siameñ, khotsa go sa molema.
28U bapatse go ’na liyo ka mari, gore ki ye; mi u ’nnele metse ka mari, gore ki noe: a ki khabaganye ka nao tsa me, ki gona gosi;
29(Yaka bana ba ga Esaue ba ba nntseñ mo Seira, le Bamoaba ba ba nntseñ mo Ara ba ’ntihetse;) ki tle ki tsamaee ki khabaganye Yoredane, go ea hatsiñ ye Yehova Morimo oa rona o le re naeañ.
30Mi Sihone khosi ea Heshebona o la a gana gore re khabaganye ka ena: gone Yehova Morimo oa lona a thataharitse moea oa gague, a kaka-hatsa pelu ea gague, gore a mo tsenye mo atleñ tsa lona, yaka ka yenu.
31Mi Yehova ’nthaea, Bona, ki simolotse go naea Sihone le lehatsi ya gague ha pele ga gago: simolola go rua, gore u rue hatsi ya gague.
32Mi Sihone a bolola go re khatlantsa, ena, le bathu ba gague botle go tlabanela kua Yahatsa.
33Mi Yehova Morimo oa rona oa mo nela pele ga rona; mi ra mo khemetha, le bomoroaue, le bathu ba gague botle.
34Mi ra thopa metse eotle ea gague motleñ ouo, mi ra senyetsa rure banona, le basari, le banyana ba metse eotle; mi re si ka ra lesa ope:
35Mi ra ikhapela likhomu cosi; le thopo ea metse e re e thopileñ.
36Go coa Aroëra o o mo losiñ loa molacoana oa Arenona, le kua motseñ o o ha molacoaneñ, le kua Gileada, gole go sina motse ope o o thata go rona: Yehova Morimo oa rona o la a re naea gotle ha pele ga rona:
37Ga loa ka loa atamela hatsi ya bana ba ga Amone yeosi; le esiñ kua heloñ goñue ga molacoana oa Yaboka, le esiñ metse ea thaba tseuo, le esiñ goñue kua Yehova Morimo oa rona o go re itsañ.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.