1MI Yehova a raea Moshe, tloga u coe monu, uena le bathu ba u ba entsitseñ kua hatsiñ ya Egepeto, go ea kua hatsiñ ye ki le ka le ikanela Aberahame, le Yitsake, le Yakobe, ka re, Ki tla le naea losika loa lona:
2Mi ki tla roma moengeli ha pelo ga gago, mi ki tla leleka Bakanana, le Baamora, le Baheta, le Baperesa, le Baheva, le Bayebusa:
3Kua hatsiñ ye le elañ mashi le linotse: gone ga ’nkitla ki ea mo go lona, gone lo bathu ba thamo e e thata, mi ekare khotsa ka lo nyeletsa mo tseleñ.
4Mi erile bathu ba utlua huku ye ya boshula, ba hutsahala; mi go si ope eo o ikhabisañ ka mekhabo ea gague.
5Gone Yehova o la a raea Moshe, Raea bana ba Yeserele, Lo bathu ba thamo e e thata: ’nkabo ki ea mo go lona, ’nko ki lo nyeletsa ka ponyo e le eñue ea leitlo; ki gona yana lo apole mekhabo ea lona, mi ki tla itse se ki tla se lo rihelañ.
6Mi bana ba Yeserele ba ikapola mekhabo ea bona, ha thabeñ ea Horeba.
7Mi Moshe a tsaea tenta, mi a e tsarololela kua eintle ga botlaolelo, e le khakayana le botlaolelo, mi a e bitsa, Tenta ea kokoanelo; mi ga rihala moñue le moñue eo o batlañ Yehova a coela kua tenteñ ea kokoanelo, e e leñ kua eintle ga botlaolelo.
8Mi erile Moshe a coela kua tenteñ, bathu botle ba nanoga, mi moñue le moñue a ema ha moyakoñ oa tenta ea gague, ba leba Moshe a tsamaea a tsena mo tenteñ.
9Mi erile Moshe a tsena mo tenteñ, pilara ea leru e hologela ea ema ha moyakoñ oa tenta; mi Yehova a bua le Moshe.
10Mi erile bathu botle ba bona pilara ea leru e eme ha moyakoñ oa tenta, bathu botle ba nanoga ba obamela, moñue le moñue a le ha moyakoñ oa tenta ea gague.
11Mi Yehova a bua le Moshe, ba lebanye lihatlogo, yaka monona a bua le tsala ea‐bo. Mi a ba a boela botlaoleloñ; mi Yehoshue, motlañka oa gague, moroa Nune, a bo a le lekau, ga a ka a tloga mo tenteñ.
12¶ Mi Moshe a raea Yehova, Bona, ua ’nthaea, Hurutsa bathu ba: mi ga ua ka ua ’nkitsise eo u tla mo romañ le ’na. Leha gontse yalo u rile, Ki gu itse ka leina, mi u bonye tsalano maitloñ a me.
13Ki gona ki gu rapelañ yana, a ereka ki bonye tsalano mo maitloñ a gago, a ki itsisioe tsela ea gago, gore ki gu itse, le go bona tsalano mo maitloñ a gago: mi bona morahe o, e le bathu ba gago.
14Mi a re, A ki tla ea, ki gu ikhutsisa?
15Mi a mo raea, Ha u sa ee le rona ka uesi, u si re hurutse monu.
16Gone yana go tla itsioe ka eñ ha ki bonye tsalano mo maitloñ a gago, ’na le bathu ba gago? a ga si ka mo, ka u ea le rona? ki gona, ’na le bathu ba gago, re tla lomololoa mo bathuñ botle ba ba nntseñ mo hatsiñ?
17Mi Yehova a raea Moshe, Le se u se buileñ ki tla se riha: gone u bonye tsalano mo maitloñ a me, mi ki gu itse ka leina.
18¶ Mi a re, Kia gu rapela, ’mpontsa khalalelo ea gago.
19Mi a re, Ki tla hetisa molemo oa me otle ha pele ga gago, mi ki tla utluatsa leina ya ga Yehova ha pele ga gago, mi ki tla tsalana le eo ki tla tsalanañ nae, mi ki tla mo utluela botluku eo ki tla mo utluelañ botluku.
20Mi a re, Ga ua nonoha go bona hatlogo sa me: gone ga go mothu ope eo o ka ’mponañ a tsela.
21Mi Yehova a re, Bona, gole helo ha go ’na, ha u ka emañ gona mo hikeñ;
22Mi go tla rihala, ha khalalelo ea me e heta, ki tla gu tsenya mo haroñ loa lehika, mi ki tla gu bipa ka atla sa me, ka ki sa heta;
23Mi ki tla tlosa atla sa me, mi u tla bona motlana oa me, mi hatlogo sa me ga se kitla se bonoa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.