1LE lona basari, utluañ banona ba lona; gore, ha bañue ba gana go utlua lehuku, ba heñoe ka tsamao ea basari, esiñ ka lehuku;
2Ka ba bona tsamao e iñtle ea lona, le poiho.
3Ba khabo ea bona, e si ne khabo ea kua ntle, go hora meriri, khotsa go roala gouda, khotsa go apara liaparo;
4Mi a e ne mothu oa pelu, eo o sa bonaleñ, khabo e e sa boleñ ea moea oa bonolo, le tirimalo, e e leñ ea sereko se segolu ha pele ga Morimo.
5Gone le bona basari ba boitsepho ba bogolugolu, ba ba le ba ikanya Morimo, ba le ba ikhabisa yalo, ba utlua banona ba bona;
6Yaka Sarahe a la a utlua Aberahame, a mitsa morena; eo lo leñ bomoroariague, ha lo riha seiñtle, mi lo sa boihe poitsego epe.
7Le lona banona, agañ nabo ka tlaloganyo, go nela mosari tlotlo ka a le seyana se se siñ thata, ka le mororo lo le ba boshua mogo ba tsegohaco ea botselo; gore merapelo ea lona e si khorelerioe.
8Ya bohelo, lotle nañ boitlomo yo boñue hela, le go utluelana botluku, le go rata bakauleñue, lo ne le boicuarelo yoa bo teñ, le tsalano;
9Esiñ go lehela boshula ka boshula, khotsa komano ka komano; bogolu tsegohatsañ; ka lo itse ha lo bilericoe mouo, gore lo ne ba boshua ba letsego.
10Gone ena eo o ratañ botselo, le go bona metla e e molemo, a a thibe loleme loa gague mo boshuleñ, le lipounama tsa gague gore li si bue koko epe;
11A a thibogele boshula, mi a rihe molemo; a a batle kagisho, a e come.
12Gone maitlo a Morena a mo go bona basiami, le tsebe tsa gague li atlametse merapelo ea bona; mi sehatlogo sa Morena se mo go ba ba rihañ boshula.
13Mi mañ eo o tla lo rihelañ boshula, ha lo le balateri ba se se molemo?
14Mi ha lo bogisioa ka ntla ea tsiamo, yalo lo tsegoharicoe, mi lo si boihe poiho ea bona, mi lo si tlaleloe;
15Mi itsephiseñ Morimo Morena mo peluñ tsa lona; mi lo etletsege ka gale go araba moñue le moñue eo o lopañ boipobolo yoa culuhelo e e mo go lona, ka bonolo le poiho;
16Mi lo ne le segakolori se se molemo; gore ba tlayoe ki litloñ ba ba khalañ tsamao e e molemo ea lona mo go Keresete, ka ba bua boshula ga lona yaka ga barihalibe.
17Gone go molemo go lona go bogisioa ka ntla ea go riha seiñtle, ha e le go rata ga Morimo, bogolu go bogiserioa go riha boshula.
18Gone le ena Keresete o la a bogiserioa libe gañue hela, mosiami mo boemoñ yoa ba ba sa siamañ, gore a re lere go Morimo; a bolailoe mo nameñ, mi a tserisioa ki moea;
19O, o la a ea ka ona, a rerela meoea e e mo tluñ ea kholegelo,
20E erileñ pele ea bo e sa utlue, yale ka bopelutelele yoa Morimo bo lebelela mo malatsiñ a ga Noe, ka areka e santse e etlerioa, e bobotlana, eboñ meoea e e eit, e le ea bulukoa ka metse mo go eona:
21Le rona re bulukoa ka papetisho, e e leñ cuano ea aona (esiñ pelegololo ea leshue ya mele, mi ki karabo ea segakolori se se molemo mo Morimoñ,) ka cogo ea ga Yesu Keresete;
22Eo o tlatlogetseñ legorimoñ, mi o mo atleñ se se siameñ sa Morimo; ka baengele, le balaori, le bathati, ba laorisicoe taoloñ ea gague.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.