1ERE ha go na se se ganeloañ gare ga banona, mi ba ea tsekoñ, gore ba sekisioe; erehe gona ba siamisetsañ ba ba siameñ, ba sekisa basiamolori.
2Mi go tla rihala, ha mosiamolori a cuaneloa ki lipeco, a mosiamisi a mo ribege, go berioa ha pele ga hatlogo sa gague, kaha paloñ ea peco e e cuanetseñ tsiamologo ea gague.
3O ka mo kanya ga forte: esiñ go hetisa: gore e si re khotsa, a heta le go metsa ka lipeco lintsi bogolu go tse, mi ñoana oa ga rra enu a lo nya-tsegela.
4¶ Lo si bohe molomo oa khomu ka e photha mabele.
5¶ Ha bana ba monona ba nntse mogo, mi moñue oa bona a shua, a sina ñuana, mosari oa eo o shuleñ a a si nyaleloe eintle ki moeñ: ñoana‐rague mogatse a a mo tlacue, a mo itsele mosari, a mo rihele cuanelo ea ñoana‐rague.
6Mi a go rihale oa burure eo, o tla mo tsalañ, a a eme ka leina ya ga mogola‐rague eo o shuleñ, gore leina ya gague le si phimoloe mo Bayesereleñ.
7Mi ha monona eo a sa khatloe ki go tsaea mosari oa ga mogolue: erehe gona mosari oa ga mogolue o eañ bagoluñ mo khoroñ, a re, Monna monona oa me o gana go emisetsa mogolue leina mo Bayesereleñ, o gana go ’ntihela cuanelo ea monna‐mothu.
8Erehe gona bagolu ba motse oa gague ba mitsañ, ba bua nae: mi ha a sa eme, a re, Ga ki khatloe ki go mo tsaea;
9Erehe gona mosari oa ga mogolue o mo atamelañ ha pele ga bagolu, a rola setlaku mo naoñ loa monona eo, a mo khuela mathe mo hatlogoñ sa gague, a shupa a re, O riheloa yalo monona, eo o ganañ go agela mogolue eintlu.
10Mi a leina ya gague le birioe mo Bayesereleñ, Eintlu ea gague eo, tlaku sa gague se rocoeñ.
11¶ Ere ha banona ba ganetsana, mi ha mosari oa eo moñue a atamela go golola mogatse mo atleñ sa gague eo o mo daeañ, mi a entsa atla sa gague a mo gamutla ka lepele;
12Erehe gona lo khaolañ atla sa gague, a maitlo a lona a si mo utluele botluku.
13¶ Lo si ne le makete a sele mo khetseñ tsa lona, boñue bo le bogolu mi boñue bo le bobotlana.
14Lo si ne le lilekanyo li sele mo matluñ a lona, señue se segolu, mi se señue se se botlana.
15Lo ne le sebokete se se itekanetseñ se se siameñ, le selekanyo se se itekanetseñ se se siameñ lo ne nasho, gore malatsi a lona a leleharioe mo hatsiñ ye Yehova Morimo oa lona o le lo naeañ.
16Gone botle ba ba rihañ lilo tse, le botle ba ba siamololañ ba maila go Yehova.
17¶ Gakologeloañ se Baamaleka ba le ba se lo rihela mo tseleñ, ka lo coa Egepeto;
18Kaha ba le ba lo khatlantsañ ka gona mo tseleñ, ba lo bolaela ba ba morago, eboñ botle ba bokoa morago ga lona, ka lo lapa lo ñoriega; mi ba si ka ba boiha Morimo.
19Ki gona go tla rihalañ, Yehova Morimo oa lona a sina lo lapolosa mo babeñ ba lona tikologoñ cotle mo hatsiñ, ye Yehova Morimo oa lona o le lo naeañ boshua go le rua, lo phimole khakologelo ea Baamaleka tlatse ga legorimo; lo si lebale.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.