1ITUMELELEÑ Yehova, gone o molemo; gone boicuarelo yoa gague bo ka bosina bokhutlo.
2Yana a Yeserela a re, Boicuarelo yoa gague, bo ka bosina bokhutlo.
3A eintlu ea ga Arone, e re yana, Boicuarelo yoa gague bo ka bosina bokhutlo.
4A ba ba boihañ Yehova, yana ba re, Boicuarelo yoa ga Yehova bo ka bosina bokhutlo.
5Ki le ka bitsa Yehova, ki le mo tlaleloñ; Yehova o la a ’nkaraba, mi a ’mpaea mo go atlameñ.
6Yehova o na le ’na, ga ’nkitla ki boiha; ana mothu o ka ’ntihañ?
7Yehova o na le ’na mo go ba ba ’nthusañ; ki gona ki tla bonañ keleco ea me go bona ba ba ’nkilañ.
8Go molemo bogolu go tsabela go Yehova mo go go ikanya mothu.
9Go molemo bogolu go tsabela go Yehova mo go go ikanya likhosana.
10Merahe eotle e le ea ’ntikanyeletsa; mi ki le ka e senya mo ineñ ya ga Yehova.
11Ba ’ntikanyeletsa, E, ba ’ntikanyeletsa; mi ka ba senya mo ineñ ya ga Yehova.
12Ba ’ntikanyeletsa yaka lintsi tsa linotse; ba tiñoa yaka molelo oa mitlua; mi ka ba senya mo ineñ ya ga Yehova.
13U lu ua ’nkorometsa thata, gore ki oe, mi Yehova o ’nthusitse.
14Yehova ki thata ea me, le sehela sa me, o rihegile puluko ea me.
15Koru ea boitumelo, le puluko, e mo litenteñ tsa basiami; atla se se siameñ sa ga Yehova se riha tiho tse ri bonatla.
16Atla sa ga Yehova se gorisicoe; atla se se siameñ sa ga Yehova se riha tiho tsa bonatla.
17Ga ’nkitla ki shua; ki tla tsela; mi ki tla bulela litiho tsa ga Yehova.
18Yehova o ’nkoatlaile segolu; mi ga a ka a ’nnelela loshuñ.
19’Mpulela likhoro tsa tsiamo; ki tla tsena go cona, ki tla baka Yehova.
20E ki khoro ea ga Yehova, e basiami ba tla tsenañ ka eona.
21Ki tla gu baka, gone u ’nkarabile, mi u rihegile puluko ea me.
22Leincue ye le latliloeñ ki baagi le rihegile motheo oa khokhoco.
23Se, se rihiloe ki Yehova, mi sea gakhamatsa mo maitloñ a rona.
24Ye ke tsatsi ye Yehova o le rihileñ; re tla itumela re tlapeloa mo go yeona.
25Au Yehova! yana naea puluko; au Yehova! yana naea bocoelelo pele.
26Go tsegaharioa eo o tlañ mo ineñ ya ga Yehova; rea lo tsegahatsa go coa mo tluñ ea ga Yehova.
27Morimo ki Yehova eo o re bontsitseñ leseri; golegela cupelo ka likhole mo nakeñ tsa aletara.
28U Morimo oa me, mi ki tla gu baka; u Morimo oa me, mi ki tla gu gorisa.
29Itumeleleñ Yehova, gone o molemo; gone boicuarelo yoa gague bo ka bosina bokhutlo.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.