1LONA bana ba Benyamina, tsabañ gare ga Yerusalema, mi letsañ terompeta kua Tekoa, mi tlatlosañ seshupo sa molelo kua Beta‐hakarema: gone boshula bo bonala mo Noreteñ, le thubego e kholu.
2Ki tla senya moroaria Tsiona, eo moiñtle le tlikeeco.
3Barisi le macomane a bona ba tla ea go ena; ba tla mo tlomela tenta tsa bona tikologoñ; moñue le moñue o tla hula mo heloñ ga gague.
4Makanyetsañ tlabano; nanogañ, mi a re bololeñ motsegare. Go latlega rona! gone tsatsi ya menoga, gone meroti ea matsiboea e leleharioa.
5Nanogañ, a re bololeñ bosigo, re senye lipaliso tsa gague.
6Gone go bua yalo Yehova oa lintua, Remañ litlare, mi epelañ Yerusalema mosele; ki ona motse o o tla khopololoañ; patiko hela e ha gare ga ona.
7Yaka mocoeri o elela metse a ona, le ona o elela boshula yoa ona yalo: patiko le tsenyo li utluala mo go ona; pobolo le likuenisho li ha pele ga me ka gale.
8Yerusalema, rutoa, gore e si re khotsa moea oa me oa ñaporololoa go uena; gore e si re khotsa ka gu riha tsenyego, le lehatsi ye le sa nnoeñ.
9¶ Go bua yalo Yehova oa lintua, Ba tla khukhunela rure masalela a Bayeserela yaka movina: bosetsa atla sa gago mo lirotuñ yaka mohuri oa movina.
10Ki tla bua le mañ, le go itsise, gore ba utlue? bona, litsebe tsa bona ga li guerisioe, mi ga ba nonoha go retsa: bona, lehuku ya ga Yehova ki khobo go bona; ga ba khatloe ki yeona.
11Ki gona ki tletseñ bogale yoa ga Yehova; ki lapile go ithiba: ki tla bo thela mo banyaneñ ba ba kua ntle, le mo phuthegoñ ea makau mogo: E, rure, monona le mogatse ba tla cuaroa, le mogolu le eo o tletseñ malatsi.
12Mi matlu a bona a tla pitikolo-leloa go ba bañue, le maota le basari ba bona mogo: gone ki tla otlololela banni ba lehatsi atla sa me, go bua Yehova.
13Gone ba rata timano botle, go simolola ka eo motlana go ea go eo mogolu oa bona; mi ba tsietsa botle, go simolola ka moperofeti go ea go moperiseti.
14Gone ba horisa thubego ea moroaria bathu ba me ka khometho, ba re, Kagisho, kagisho; ka kagisho e sieo.
15A ba tlayoa ki litloñ ka ba kha-pahatsa? nya, ga ba ka ba tlayoa ki litloñ gope, leha e le go shoshobagañoa: ki gona ba tla oa mo go bona ba ba oañ: ba tla khokhoetsega mo motleñ o ki tla ba khopololañ ka ona, go bua Yehova.
16Go bua yalo Yehova, Emañ mo litseleñ, lo lebe, mi botsañ ga tselana tsa bogolugolu, kua tsela e e molemo e gona, mi sepelañ go eona, mi lo tla bonela meoea ea lona boikhuco. Mi ba re, Rea gana go e sepela.
17Le gona ka lo laolela baleberi, ka re, Retsañ tumo ea terompeta. Mi ba re, Rea gana go retsa.
18¶ Ki gona, lona merahe utluañ, le uena phuthego, itse, se se mo go bona.
19Lehatse, utlua: bona, ki tla leretsa bathu ba boshula, eboñ louñuo loa megopolo ea bona, gone ga ba ka ba tlokomela mahuku a me, le molao oa me ba o latlile.
20Libano li ’ntlelelañ li coa Sheba, le nyoba kua hatsiñ ye le khakala? cupelo tsa phisho tsa lona ga li ’nnatehele, le litlabelo tsa lona ga li botse go ’na.
21Ki gona go buañ yalo Yehova, Bonañ, ki tla baea likhopi ha pele ga bathu ba, mi bo‐rra le bana ba tla ikho-pisa ka cona; monni le tsala ea gague, ba tla hela.
22Go bua yalo Yehova, Bonañ, bathu ba tla coa mo hatsiñ ya Noreta, morahe o mogolu o tla cosioa ntleñ tsa lehatsi,
23Ba tla tsegetsa mara le marumo; ba bolalome, mi ga ba utluele botluku; likoru tsa bona li ruma yaka leoatle; mi ba pagama lipitse; ba gu rulagan-yericoe yaka banona ba tlabano, uena moroaria Tsiona.
24Re utluile tumeri ea bona: atla tsa rona li repile: tlalelo e re tsegeritse, le botluku, yaka yoa mosari eo o belegañ.
25Si coeleñ kua nageñ, mi si sepeleñ mo tseleñ; gone caka tsa baba le poiho li mo tikologoñ.
26¶ Moroaria bathu ba me, itlame ka letsela ya khetse, mi u ipirikamise mo moloreñ: u hutsahale yaka ka ñuana eo o esi, le khutsahalelo e e galakañ; gone moropahatsi o tla tla go rona ka coganeco.
27Ki gu laotse go na moleki, le motlotlomisi mo bathuñ ba, gore u itse le go leka tsela ea bona.
28Ki batenegi botle ba batenegi, ba sepela ka tsebo: ba le khotlo le tsipi: ki baborisi botle.
29Muba o hisicoe, loda lo nyelericoe ki molelo; motlapolosi o tlapolo setsa lehela: gone bashulatsi ba sa lomololoe.
30Ba tla birioa selevera se se latliloeñ, gone Yehova o ba latlile.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.