Lipalo 18 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 18.

1MI Yehova a raea Arone, Uena le bomoroau, le ba eintlu ea ga rago nau, lo belege tsiamologo ea helo ga boitsepho: mi uena le bomoroau nau, lo belege tsiamologo ea boperiseto yoa lona.

2Mi bana ba ga rago le bona, ba loco loa ga Leve, loco loa ga rra enu, u ba lere nau, gore ba kopane le uena, ba gu rihele: mi uena le bomoroau nau, nañ ha pele ga tenta ea seshupo.

3Mi a ba tsegetse tebelo ea gago, le tebelo ea tenta eotle: mi a ba si atamele lilo tsa helo ga boitsepho le aletara, ki gona gosi, gore bona le lona lo si shue.

4Mi a ba kopane le uena, ba tsegetse tebelo ea tenta ea kokoanelo, mo tiheloñ eotle ea tenta: mi moeñ a a si lo atamele.

5Mi lo tsegetse tebelo ea helo ga boitsepho, le tebelo ea aletara: gore go si tlole go na khakatsego mo baneñ ba Yeserele.

6Mi ’na, bona, ki tseile Baleva bana ba ga rago mo baneñ ba Yeserele: lo ba neiloe yaka neo go Yehova, go riha tihelo ea tenta ea kokoanelo.

7Mi uena, le bomoroau nau, lo tsegetse boperiseto yoa lona, le cotle tsa aletara, le tse ri kua teñ ga sebipo; rihelañ tseuo: tiho ea boperiseto ea lona, ki e lo neile, go na tihelo ea neo: mi moeñ eo o atamelañ a a bolaoe.

8¶ Mi Yehova a bua le Arone, a re, ’Na, bona, ki gu neile le eona tebelo ea cupelo tsa me tsa culeco, tsa lilo tse ri itsephileñ cotle tsa bana ba Yeserele: ki li gu neile kabelo, lo bomoroau, go na taeo e e sa khutleñ.

9Tse, tsa itsepho ea maitsepho tsa molelo, li tla na tsa gago: tsa cupelo cotle tsa bona, le tsa cupelo cotle tsa bona tsa liyo, le tsa cupelo cotle tsa bona tsa boleo, le tsa cupelo cotle tsa bona tsa molatu, tse ba tla li lereñ go ’na, a li ne itsepho ea maitsepho go uena le bomoroau.

10U li yele ha itsephoñ ea maitsepho; a lonona lotle lo li ye: a li lo itsephele.

11Mi le tse ki tsa gago; cupelo ea culeco ea neo ea bona, le cupelo tsa kelero tsa bana ba Yeserele cotle: ki li gu neile, le bomoroau le bomoroariu nau, ka taeo e e sa khutleñ; moñue le moñue eo o itsekileñ mo tluñ ea gago o ka li ya.

12Molemo otle oa loukuane, le molemo otle oa boyaloa yoa movina, le oa mabele, mauñuo a eintla a bona ua ba tla a naeañ Yehova, ki a gu neile.

13Mauñuo aotle a a mo hatsiñ ya bona, ua ba tla a isañ go Yehova, a a ne a gago; moñue le moñue eo o itsekileñ mo tluñ ea gago o ka a ya.

14Cotle tse ri nelecoeñ mo Bayesereleñ, li ne tsa gago.

15Maitibolo aotle a nama eotle a ba a isañ go Yehova, a bathu, le a likhomu, ki a gago: leha gontse yalo oa burure oa mothu u mo rekololele rure, le leitibolo ya se se itsekologileñ u le rekolole.

16Mi tse ri tla rekololoañ, u rekolole tse e leñ tsa khueri e le eñue, ka mari a lishekela li faeve, kaha kelekoñ ea gago, le kaha shekeleñ sa helo ga boitsepho, se se leñ ligera li tuente.

17Mi leitibolo ya khomu e namagari, le leitibolo ya eñku, le leitibolo ya pori, u si a rekolole; a itsephile; u khatse aletara ka mari a aona, u hisetse cupelo ea molelo mahura a aona, go na loñko lo lo natehelañ Yehova.

18Mi nama ea aona a e ne ea gago, yaka sehuba sa kelero, le yaka lecogo ye le siameñ e le tsa gago.

19Cupelo cotle tsa culeco tsa lilo tse ri itsephileñ, tse bana ba Yeserele ba li culeletsañ Yehova, ki li gu neile, le bomoroau le bomoroariu nau, ka taeo e e sa khutleñ: ki kholagano ea lecoai go uena le losika loa gago nau ka bosakhutleñ, ha pele ga Yehova.

20¶ Mi Yehova a raea Arone, Ga u kitla u rua mo hatsiñ ya bona, mi ga u kitla u na le kabelo mo go bona: ’Na, Ki kabelo ea gago, le boshua yoa gago mo baneñ ba Yeserele.

21Mi bona, ki neile bana ba ga Leve tsa‐bo‐ten cotle tse ri mo Bayesereleñ go na boshua, ki li netse tihelo ea bona e ba e rihelañ, eboñ tihelo ea tenta ea kokoanelo.

22Mi a bana ba Yeserele ba si tlole ba atamela tenta ea kokoanelo, gore ba si belege boleo, ba shua.

23Mi a Baleva ba rihe tihelo ea tenta ea kokoanelo, mi a ba belege tsiamologo ea bona: ki taeo e e sa khutleñ mo kokomaneñ tsa lona, gore ba si rue boshua mo baneñ ba Yeserele.

24Mi tsa‐bo‐ten tsa bana ba Yeserele, tse ba li culeletsañ Yehova cupelo ea culeco, ki li neile Baleva go li rua: ki gona ki ba raeañ, Ga ba kitla ba rua boshua mo baneñ ba Yeserele.

25¶ Mi Yehova a bua le Moshe, a re,

26Bua le Baleva, mi u ba ree, Ere ha lo tsaea tsa‐bo‐ten mo baneñ ba Yeserele, tse ki li lo naeañ tsa bona, go na boshua yoa lona, erehe gona lo culeletsañ Yehova cupelo ea culeco ea cona, eboñ sa‐bo‐ten sa tsa‐bo‐ten.

27Mi se tla baleloa go lona cupelo ea culeco, yaka mabele a sebopi, le yaka botlalo yoa seribeleco.

28Le gona le lona lo culeletse Yehova cupelo ea culeco ea tsa‐bo‐ten cotle tsa lona, tse lo li bonañ mo baneñ ba Yeserele; mi lo nee Arone moperiseti cupelo ea ga Yehova ea culeco ga cona.

29Lo culetse cupelo tsa culeco cotle tsa ga Yehova, ga molemo otle oa lineo tsa lona cotle, eboñ ea kabo e e itsephileñ ea cona.

30Erehe gona u ba raeañ, Ere lo sina culeletsa ga molemo oa cona, go tla baleloa Baleva yaka totahalo ea sebopi, le yaka totahalo ea seribeleco.

31Mi lo li yele mo maheloñ aotle, lona le ba matlu a lona: gone ki tuelo ea lona ea tihelo ea lona mo tenteñ ea kokoanelo.

32Mi ga lo kitla lo li belegela boleo, ha lo culeritse ga molemo oa cona: mi si itsephololeñ lilo tse ri itsephileñ tsa bana ba Yeserele, gore lo si shue.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help