Lipesalema 83 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

PESALEM 83.¶ Sehela khotsa Pesalem ea ga Asefe.

1USI ririmale, Morimo; u si ne yaka ga u utlue; u si ririmale, Morimo.

2Gone, bona, baba ba gago ba tlapea; mi ba ba gu ilañ ba culetsatlogo.

3Ba logela bathu ba gago khakololo ea tsieco e e shubiloeñ, mi ba gako-loletse ba gago ba ba shubiloeñ.

4Ba re, Tlañ, re ba senyeñ, gore ba si tlole ba le morahe; gore leina ya Yeserela le si tlole le gopoloa.

5Gone ba gakololana ka pelu eñue hela; ba gu golaganyetsa.

6Litenta tsa Edoma, le tsa Baishemaela; tsa Moaba, le tsa Bahagara;

7Gebala, le Amona, le Amaleka; Bafiliseta, le ka baagi ba Tsura.

8Siria le ena o kopanye le bona; mi ontse lecogo ya bana ba Lota.

9 U ba rihele yaka Bamidiana; yaka Sisere, yaka Yabine, ha molacuaneñ oa Kishona.

10Ba le ba señoa kua Endora; ba le ba na lecutelo ye lehatsi.

11Riha bagoluane ba bona yaka Orebe, le yaka Tsibe; likhosana tsa bona cotle yaka Sebe, le Tsalemune.

12Ba le ba re, A re rueñ maago a Morimo.

13Morimo oa me, ba rihe yaka se se hirikologañ, yaka lirite ha pele ga pheho.

14Yaka molelo o nyeletsa sekhua, le yaka khabu e cuba lithaba,

15Ba bogise yalo ka moroalela o o boitsegañ oa gago; mi ba rere ka secüacüe sa gago.

16Khurumetsa lihatlogo tsa bona ka litloñ; gore ba batle leina ya gago, Yehova.

17A ba tlayoe ki litloñ, a ba rerege ka bosina bokhutlo; gore ba siloharioe, ba nyelele.

18Gore ba itse ha e le uena uesi, eo leina ya gago e leñ YEHOVA, u le Mogorimo oa bogorimo bogolu mo hatsiñ yeotle.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help