Lipesalema 111 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

PESALEM 111.

1BAKAÑ Yehova. Ki tla baka Yehova ka pelu ea me eotle; mo khakololoñ le mo phuthegoñ ea basiami.

2Litiho tsa ga Yehova li kholu; li botsisioa ki bona botle ba ba nateheloañ ki cona.

3Tiho ea gague ki bonatla yo boiñtle le khalalelo; mi tsiamo ea gague e na ka bosina bokhutlo.

4O rihetse tiho tsa gague tse ri gakhamatsañ go gopoloa; Yehova o pelunomi le boutluelo botluku.

5O naea ba ba moihañ liyo; o gopola kholagano ea gague ka bosina bokhutlo.

6O itsisitse bathu ba gague thata ea litiho tsa gague; gore a ba nee boshua yoa baeteni.

7Litiho tsa atla tsa gague, ki boamarure le tsekisho; litaolo cotle tsa gague li boikanyo.

8Li eme ka tlomamo ka bosina bokhutlo; li rihiloe mo boamarureñ le tsiamo.

9O la a romela bathu ba gague khololo; o laoletse kholagano ea gague ka bosina bokhutlo; leina ya gague le khalalelo le poitsego.

10Poiho ea ga Yehova ki tsimologo ea botlale; botle ba ba rihañ yaka eona, ba na le tlaloganyo ea molemo; pako ea gague e tla na ka bosina bokhutlo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help