1’NKHOLOLA mo babeñ ba me, Morimo oa me; ’mphemela go bona ba ba ’ncogelañ.
2’Nkholola mo barihiñ tsiamololo; mi ’mpuluka mo banoneñ ba mari.
3Gone, bona, ba laletse moea oa me; bathati ba mphuthegela; esiñ ka eintla ea tlolo ea me, le esiñ ka boleo yoa me, Yehova.
4Ba taboga, ba ikitletsa, esiñ ka eintla ea molatu oa me. Cogela thusho ea me, mi bona.
5E, Yehova, Morimo oa lintua, Morimo oa Yeserela, coga, u lekole baeteni botle; u si utluele ope oa bona botluku, eo o siamololañ ka tsieco. Sela.
6Ba boea ka mabanyane, ba küa yaka enca, mi ba rikologa motse.
7Bona, ba khobola ka melomo ea bona; licaka li mo lipounameñ tsa bona, gone ba re, go utlua mañ?
8Mi, Yehova, u tla ba tsega; u tla shotla baeteni botle.
9Thata ea me, ki tla gu lebelela; gone Morimo ki botsabelo yoa me.
10Morimo oa boicuarelo yoa me, o tla ’nketelela pele; Morimo o tla ’nte-bisa baba ba me.
11Si ba bolaee, gore bathu ba me ba si lebale; ba halatse ka thata ea gago; mi ba rige, Morena, thebe ea rona.
12Lehuku ya lipounama tsa bona, ki boleo yoa melomo ea bona; a ba cuaroe mo bopeluumpeñ yoa bona, le thogako ea bona, ka eintla ea kako e ba e bulelañ.
13Ba nyeletse ka bogale yo bogolu; ba nyeletse, gore ba si tlole ba leeo; gore bathu ba itse, le kua likhutloñ tsa lehatsi, ha Morimo o laola mogo Yakoba. Sela.
14Mi a ba boee ka mabanyane, a ba küe yaka enca; a ba rikologe motse.
15A ba halalele go batla liyo; mi a ba ñoñorege ha ba sa khore.
16Mi ’na ki tla opela thata ea gago; mi ki tla belahala mo moshoñ ga boicuarelo yoa gago ka boitumelo, gone u le phemelo le botsabelo yoa me, mo tsatsiñ ya poiho ea me.
17Ki tla gu opelela pako, Thata ea me; gone Morimo e le phemelo ea me, Morimo oa boicuarelo yoa me.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
