Bafilipa 1 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 1.

1PAULO le Timoteo, batlañka ba ga Yesu Keresete, go baitsephi botle ba ba mo go Keresete Yesu, le balebalebi, le badiakoni, ba ba kua Filipi:

2Tsegohaco e ne le lona, le kagisho, e e coañ Morimoñ Rra ecu, le Yesu Keresete Morena.

3Ki itumelela Morimo oa me ka gale mo khopoloñ cotle tse ki lo gopolañ ka cona,

4Ka gale mo merapeloñ eotle ea me ka ntla ea lona lotle, ki riha thapelo ka boitumelo,

5Ka kabalano ea lona mo evangelioñ, mo tsatsiñ ya ntla le mo nakoñ enu;

6Ka go ikanya seo se, ha eo o simolotseñ tiho e e molemo mo go lona, a tla e ueletsa mo motleñ oa ga Yesu Keresete;

7Yaka go siame go ’na go ikutlua ga lona lotle yalo, gone ki na le lona mo peruñ ea me, mo kholegoñ tsa me, le mo ikarabeloñ, le mo tlomamishoñ ea evangelio, ka lo le baaberoi ba tsegohaco ea me.

8Gone Morimo ki moshupi oa me oa tlologelelo e kholu e ki lo tlologelecoeñ lotle ka eona, ka boutluelo‐botluku yo bogolu yoa ga Yesu Keresete.

9Mi ki rapela yalo, gore lorato loa lona lo bo lo ne logolu bogolu mo kicoñ, le mo ikutluoñ eotle;

10Gore lo leke lilo tse ri sa cuaneñ; gore lo ne lo sa pekoa, le go bisa go khopisa, go ea motleñ oa ga Keresete;

11Lo tlarioa ka mauñuo a tsiamo, a a leñ khalalelo le pako go Morimo, ka Yesu Keresete.

12Mi, bakauleñue, ki rata gore lo itse tse ri ’nkhatlaneritseñ, li rihahaletse go coeleletsa pele ga evangelio bogolu;

13Ga tsamaea likholego tsa me mo go Keresete tsa bonatsega mo tluñ eotle ea khosi, le mo maheloñ aotle;

14Mi bogolu yoa bakauleñue ba ba mo Moreneñ ba ikantse bogolu ka kholego tsa me, ba na bonatla bogolu go bua lehuku esiñ ka poiho.

15Rure bañue ba rera Keresete ka bopelutsetla le khañ; mi bañue le bona ka go rata ga molemo;

16Bañue ba rera Keresete ka khañ, esiñ ka bosapekoa, ba itloma ba okeletsa kholego tsa me ka lipogisho;

17Mi ba bañue ka lorato, ka ba itse ha ki emisericoe ikarabelo ea evangelio.

18Mi e be e le eñ? e be e le go re, Keresete a reroa ka mekhua eotle, leha e le ka seipato, leha e le ka boamarure; mi ki itumelela mouo; E, ki tla na ki itumela.

19Gone kia itse, ha tse li tla na puluko ea me ka ntla ea thapelo ea lona, le kokeleco ea Moea oa ga Yesu Keresete,

20Kaha tlologeleloñ e e thata le culuhelo ea me, ha ki si kitla ki tlabisioa litloñ mo go sepe, mi ka bopelukhale yotle yaka gale, gontse yalo le yana Keresete o tla gorisioa mo meleñ oa me, leha e le ka botselo, leha e le ka loshu.

21Gone kaga me, go tsela ki Keresete, le go shua ki phenyo.

22Mi ha ki tsela mo nameñ, mo ki louñuo loa tiho ea me; mi ga ki itse se ki tla se itseñkelañ.

23Gone ki akabarioa ki li tu tse, ka ki eletsa go huruga le go na le Keresete, gone mo ki molemo o mogolu bogolu;

24Leha gontse yalo go sala mo nameñ, ki molemo go lona bogolu.

25Mi ka ki na le boikanyo yo, kia itse ha ki tla sala, le go aga le lona lotle, ka ntla ea bocoelelo pele yoa lona, le biotumelo yoa tumelo;

26Gore pelahalo ea lona kaga me e ne kholu bogolu mo go Yesu Keresete, ka go ba go ea ga me go lona.

27Mi bogolu, tsamaeañ yaka go cuanela evangelio ea ga Keresete, gore ere ha ’nka ea go lo bona, khotsa ha ki sa ee, ki utlue kaha lontseñ ka gona, gore lo eme mo moeeñ o moñue hela ka tlaloganyo ñue hela, go ganelela mogo tumelo ea evangelio;

28Le gona gore lo si boihisioe mo go sepe ki baganetsi ba lona; mo e leñ cupo rure ea tsenyego go bona, mi go lona ea puluko, e e leñ ea Morimo.

29Gone lo necoe tsegohaco ka ntla ea ga Keresete, esiñ go rumela mo go ena gosi, mi le gona go mogiserioa;

30Ka lo na le khanelo e, lo e bonyeñ mo go ’na, e yana lo e utluañ mo go ’na.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help