Lipesalema 140 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

PESALEM 140.¶ Pesalem ea ga Davide, go Mooperi eo mogolu.

1YEHOVA, ’nkholola mo mononeñ oa boshula; ’mpuluka mo mononeñ oa tsenyo;

2Ba ba gopolañ mashula mo peluñ; ba phuthega ka malatsi aotle go tlabana.

3Ba lotsa liteme tsa bona yaka noga; botluku yoa noga bo tlatse ga lipounama tsa bona. Sela.

4Yehova, ’mpuluka mo atleñ tsa baikepi; ’mpuluka mo mononeñ oa tsenyo, eo o gopolañ go raretsa linao tsa me.

5Bapeluumpe ba ’ncubetse serai, le linti; ba arile lotloa ha thoko ea tsela; ba ’mpeetse seru. Sela.

6Ki reile Yehova, U Morimo oa me; utlua koru ea thapelo tse ri thata tsa me, Yehova.

7Yehova, Morena, thata ea puluko ea me; u lua khurumetsa tlogo ea me mo tsatsiñ ya tlabano.

8Yehova, u si nee baikepi keleco ea bona; si coeletse boikaelelo yoa bona yoa boshula; ba ko ba ikhorisa. Sela.

9A cuenyo ea lipounama tsa bona e oele mo tlogoñ ea ba ba ’ntikanyeri-tseñ.

10A magala a a tukañ a oele mo go bona; a ba latleloa mo muleloñ; mo meleteñ e e boteñ, gore ba si ke ba tlola ba coga.

11Mothu oa loleme loa boshula, ga a kitla a tlomamisioa mo lehatsiñ; monona oa tsenyo, eo, o tla coñoa go tlo go tsamaea a señoa a nyelela.

12Kia itse ha Yehova a tla rihatsa se se sekoañ sa bahumanegi le batloki.

13Amarure, basiami ba tla itumelela leina ya gago; ba tsiamo ba tla aga ha pele ga gago.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help