1MORIMO ki botsabelo le thata ea rona; o thusho e gauhe rure mo tlaleloñ.
2Ki gona re si kitlañ re boiha leha lehatsi le shutisioa, leha lithaba li belegeloa mo peluñ ea noka;
3 Leha metse a eona a guasa, a huruega, leha lithaba li urubarioa ki thurugo ea eona. Sela.
4Molapo oeeo, likelelo tsa ona li tla itumerisa motse oa Morimo, helo ga boitsepho ga maago a Mogorimo oa bogorimo bogolu.
5Morimo o ha gare go ona, ga o kitla o shutisioa; Morimo o tla o thusa, mo phepahaloñ ea mosho.
6Baeteni ba le ba tsenoa, magosi a kharakhatsega, o loa entsa koru ea ona, lehatsi ya tlapologa.
7Yehova oa lintua o na le rona; Morimo oa Yakoba ki botsabelo yoa rona. Sela.
8Tlañ, lo bone tiho tsa ga Yehova; lithopehaco tse o li rihañ mo lehatsiñ.
9O khutlisa litlabano le kua khutloñ tsa lehatsi; o roba bora, o putla-ganya lerumo; licariota o li hisa ka molelo.
10Lesañ; mi lo itse ha e le ’na Morimo; Ki tla gorisioa mo baeteniñ; Ki tla gorisioa mo lehatsiñ.
11Yehova oa lintua o na le rona; Morimo oa Yakoba ki botsabelo yoa rona. Sela.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
