1KA re mo peluñ ea me, Ea yana, ki tla gu leka ka tlapelo, ki gona e tsegetsa yaka e molemo: mi bonañ, le se se le se le boithamako.
2Ka raea setsego, U botseno: le go tlapelo, Seo se, se rihañ?
3Ka batla mo peluñ ea me go inela mo boyaloeñ, (mi ka gogela pelu ea me botlaleñ;) le go tsegetsa bosilo, ka tsamaea ka bona se se molemo go baneñ ba bathu gore ba se rihe tlatse ga legorimo, mo paloñ ea malatsi a botselo yoa bona.
4Ka itihela tiho tse ri kholu; ka ikagela matlu; ka itlomela masimo a mevina:
5Ka itihela masimo, le masimo a a eletsegañ, mi ka tloma tlare tsa mauñuo aotle a sele go aona:
6Ka itihela mariba a metse, go nosa sekhua sa litlare tse ri melañ ka aona:
7Ka amogela batlañka le malata, mi ka na le bana ba ntlu ea me; le gona ka na le bontsi yo bogolu yoa matlape, le macomane, bogolu go botle ba ba le ba le pele ga me mo Yerusalema:
8Ka ikokoanyetsa le shona selevera, le gouda, le mahumo a likhosi le a likhaolo tsa bogosi: ka itaolela baoperi ba banona le baoperi ba basari, le tse ri eletsegañ tsa bana ba bathu, le lilo tsa kopelo, le lilo tsa kopelo li sele cotle.
9Mi ka gorisioa, mi ka totahala bogolu go botle ba ba le ba le pele ga me mo Yerusalema: le gona botlale yoa me yoa ba yoa sala le ’na.
10Mi cotle tse maitlo a me a li eletsañ ki si ka ka li thiba go aona; ki si ka ka eola pelu ea me mo tlapeloñ epe: mi pelu ea me a le ea tlapeloa mo khokholeloñ cotle tsa me; mi e le e le kabelo ea tiho cotle tsa me.
11Mi erile ki imenolela mo tihoñ cotle tse atla tsa me li tsa li riha, le mo khokholeloñ e ki le ka e riha ka khokholelo: mi bonañ, gotle e le e le boithamako le thekisego ea moea, mi go le go sina temohalelo tlatse ga letsatsi.
12Mi ka imenola go bona botlale, le yona botseno, le bosilo: gone monona ohe eo o ka cuantsioañ le khosi mo tihoñ tse ri ntseñ yalo?
13Eriha gona ki bonañ ha botlale bo na le bonatla bogolu go bosilo, yaka leseri le na le bonatla bogolu go lehihi.
14Maitlo a letlale a mo tlogoñ ea yeona; mi seeleele se tsamaea mo hihiñ: mi le ’na, ka lemoga ha tihalo e le ñue e rihalela bona botle.
15Mi ka re mo peruñ ea me, Ereka go ’ntihalela yaka go rihalela seeleele: ki neletseñ pelu ea me botlale? Ki gona ki buañ mo peluñ ea me, ha se le shona ki boithamako.
16Gone go sina khakologelo ea letlale bogolu go ea seeleele ka bosakhutleñ; ka go bonala ha tse ri leeoñ yana, li tla lebaloa cotle mo metleñ e e tlañ: le letlale le shuelañ yaka seeleele?
17Ki gona ki ilañ botselo; gone tiho e e rihiloeñ tlatse ga letsatsi e le boshula go ’na: gone cotle ki boithamako le thekisego ea moea.
18Mi ka ila le eona khokholelo eotle e ki le ka e khokholela tlatse ga letsatsi: gone ki e tlogelela mothu eo o tla nañ hularoñ sa me.
19Mi go itse mañ ba a tla na letlale khotsa seeleele? leha gontse yalo o tla na le taolo mo khokholeloñ eotle ea me e ki e khokholetseñ, e ki e rihileñ ka botlale tlatse ga letsatsi. Se le shona ki boithamako.
20Ki gona ki shukologañ go shu-loholola pelu ea me mo khokholeloñ eotle e ki e khokholetseñ tlatse ga letsatsi.
21Gone go le mothu, eo khokholelo ea gague e le e le mo botlaleñ, le mo kicoñ le mo temohaleloñ, leha gontse yalo o tla e nela mothu go na kabelo ea eo o la a sa khokholele mo go eona. Se le shona ki boithamako le boshula yo bogolu.
22Gone mothu o na le eñ sa khokholelo eotle ea gague, le sa thekisego ea pelu ea gague, mo khokholeloñ ea gague tlatse ga letsatsi?
23Gone malatsi aotle a gague ki libotluku, le kokego ea gague ki khakaco; le mo sigoñ pelu ea gague ga e lapologe. Se le shona ki boithamako.
24 A ga go molemo o mogolu mo mothuñ, go ya le go noa, gore moea oa gague o bone molemo oa khokholelo ea gague? Se le shona ka se lemoga, se coa mo atleñ sa Morimo.
25Gone e mañ eo o ka yañ, khotsa e mañ eo o akohelañ mouo, bogolu go ’na?
26Gone Morimo o nela mothu eo o molemo ha pele ga ona, botlale, le kico, le boitumelo: mi o nela moleohi kokego go phutha le go kokoanya, gore a nee ena eo o molemo ha pele ga Morimo. Se le shona ki boithamako le thekisego ea moea.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.