1BANA ba Yeserele ba tla bogareñganaga yoa Sinai ka khueri ea bo‐teri morago ga go coa ga bona mo Egepeto, ka tsatsi yeuo hela.
2Gone erile ba tloga mo Refidima ba hitla mo bogareganaga yoa Sinai; mi Boyeserela ba tlaolela gona go lebagana le thaba.
3Mi Moshe a tlatlogela go Morimo, mi Yehova a biletsa go ena a le mo thabeñ, a re, U ree eintlu ea ga Yakobe yalo, mi bulelela bana ba Yeserele;
4Lo bonye se ki le ka se rihela Baegepeto, mi ka lo belega mo phukeñ tsa manoñ, ka lo lere go ’na.
5Ki gona yana ha lo akelela koru ea me rure, le go tsegetsa kholagano ea me, ereha gona lo tla nañ boshua yoa me bogolu go bathu botle: gone lehatsi yeotle ki ya me:
6Mi lo tla na bogosi yoa baperiseti go ’na, le morahe o o itsephañ. U bue mahuku ua le bana ba Yeserele.
7¶ Mi Moshe a ea, mi a bitsa bagolu ba bathu, mi a baea mahuku aotle ua Yehova o a mo laoletseñ ha pele ga bona.
8Mi bathu botle ba arabela goñue, mi ba re, Cotle tse Yehova o li buileñ re tla li riha. Mi Moshe a isetsa Yehova mahuku a bathu.
9¶ Mi Yehova a raea Moshe, Bona, ki tla tla go uena mo leruñ ye le kueneñ, gore bathu ba utlue motlañ ki buañ nau, le go gu rumela ka bosakhutleñ. Mi Moshe a bulelela Yehova mahuku a bathu.
10¶ Mi Yehova a raea Moshe, Ea mo bathuñ, mi u ba tsephe ka yenu le ka mosho, mi a ba tlacue aparo tsa bona,
11Mi ba itletsegele tsatsi ya bo‐teri: gone Yehova o tla hologela mo thabeñ ea Sinai ka tsatsi ya bo‐teri, ha pele ga maitlo a bathu botle.
12Mi u bele bathu moleloane tikologoñ, u re, Lo ikehe go tlatlogela thaba, leha e le go ama khutlo sa eona: eo o amañ thaba o tla bolaeloa rure.
13A go si ne atla sepe se se e amañ, mi a a khobotlerioe rure, khotsa go phololerioa rure, leha e le khomu khotsa monona, a a si tsele: motlañ tumo ea terompeta e leleharioa ba ka tlatloga thaba.
14¶ Mi Moshe a hologa thaba, a ea mo bathuñ, mi a tsepha bathu, mi ba tlacua aparo tsa bona.
15Mi a raea bathu, Ikitleletseñ tsatsi ya bo‐teri: si atameleñ basari ba lona.
16¶ Mi ga rihala go sa le mosho oa tsatsi ya bo‐teri, gole gole tumo tsa maru, le likharima, le leru ye le ima mo thabeñ, le koru ea terompeta e e thata bogolu; mi bathu botle ba ba leñ mo botlaoleloñ ba roroma.
17Mi Moshe a entsa bathu mo botlaoleloñ go khatlantsa Morimo; mi ba ikemisa kua tlatse ga thaba.
18Mi thaba eotle ea Sinai ea kuba mosi, gone Yehova a hologela go eona a le mo moleloñ: mi mosi oa eona oa tlatloga yaka mosi oa bokepisho, mi thaba eotle ea roroma segolu.
19Mi erile koru ea terompeta e gelebetega segolu, Moshe a bua, mi Morimo oa araba ka koru.
20Mi Yehova a hologela thabeñ ea Sinai, ha tloreñ ea thaba yalo: mi Yehova a biletsa Moshe kua tloreñ ea thaba; mi Moshe a tlatloga.
21Mi Yehova a raea Moshe, Hologa, tlagisa bathu, gore ba si thobele go Yehova, go leba, mi bantsi ba bona ba hela.
22Le gona, a baperiseti ba ba atamelañ Yehova ba itsephe, gore Yehova a si phomegele go bona.
23Mi Moshe a raea Yehova, Bathu ga ba kake ba tlatloga thaba ea Sinai; gone u re laotse, u re, Tlomelañ thaba moleloane, lo e tsephe.
24Mi Yehova a mo raea, Ea koñ, u hologe, mi u be u tlatloge, uena le Arone nau; mi u si lese baperiseti, le bathu go thobela go tlatlogela go Yehova, gore a si phomegele go bona.
25Mi yalo Moshe a hologela mo bathuñ, mi a bua le bona.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.