1PAULO, moapostoloi oa ga Yesu Keresete, ka thato ea Morimo, kaha puleleloñ pele ea botselo yo bo mo go Keresete Yesu,
2Go Timoteo moroake eo o rategañ segolu: Tsegohaco, le boicuarelo, le kagisho, tse ri coañ Morimoñ Rra, le mo go Keresete Yesu Morena, li ne nau.
3Ki itumelela Morimo, o e saleñ ki o rihela le ka bo‐rra‐mogolu ka segakolori se se itsekileñ, ka ki gu gopola ka go bisa go khutla mo merapeloñ ea me bosigo le motsegare;
4Ki eletsa segolu go gu bona, ka ki gopola likeleri tsa gago, gore ’nke ki tlale boitumelo;
5Ka ki ikhoporisa tumelo e e sinañ boitimokanyo e e mo go uena, e e le e agile pele mo go Loidia mago‐mogolu, le mo go Eunike mago; mi le uena ki itsisicoe rure ha e le mo go uena.
6Ki gona ki gu gopotsañ ka mouo, gore u tlotleletse neo ea Morimo e e mo go uena, ka peo ea atla tsa me.
7Gone Morimo ga oa ka oa re naea moea oa poiho; mi o re neile oa thata, le oa lorato, le oa itaolo.
8Ki gona u se tlabisioe litloñ ki cupo ea Morena oa rona, le esiñ ka ntla ea me eo ki leñ mogolegoi oa gague; mi u ne moaberoi oa lipogisho tsa evangelio kaha thateñ ea Morimo;
9O o re bulukileñ, oa re bitsa ka pico ea boitsepho, esin kaha tihoñ tsa rona, mi e leñ kaha boikaeleloñ yoa ona, le tsegohaco, e re e necoeñ mo go Keresete Yesu pele ga tlolego ea lehatse;
10Mi yana e bonatsegile ka iponaco ea ga Yesu Keresete Morebuluki, eo o nyeleritseñ loshu, a lere botselo le bosashueñ leseriñ, ka evangelio;
11E ki e laolecoeñ go na moreri, le moapostoloi, le moruti oa bahaitene.
12E le ’na ki bogisioañ lilo tse ka ntla ea mouo; leha gontse yalo ga ki tlayoe ki litloñ; gone kia itse eo ki mo rumetseñ, mi ki itsisicoe rure ha a nonohile go bulukela tsatsiñ ye se ki se mo neetseñ.
13Tsegetsa cuano ea mahuku a a horileñ, e u e utluileñ mo go ’na, mo tumeloñ, le mo loratoñ lo lo mo go Keresete Yesu.
14Se se molemo seuo, se u se neiloeñ, u se buluke ka Moea oa Boitsepho o o agileñ mo go rona.
15Se ua se itse, ha bona botle ba Asia ba tenegile go ’na, ba Fugelo le Heremogene e leñ ba bona.
16A Morena a nele ba ntlu ea ga Onesiforo boicuarelo; gone o ’nthurisitse ka gantsi, mi o la a sa tlabisioe litloñ ki keten ea me;
17Mi erile ka a le mo Roma o la a ’mpatla ka tloahalo e kholu, mi a ’mpona.
18Morena a mo nee gore a bone boicuarelo mo Moreneñ mo tsatsiñ ye; mi ua itse rure kaha o ’ntihetseñ ka gona ka lilo lintsi kua Efesia.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.