1MOEA oa me o khonegile, malatsi a me a khaocoe, lecue lea ’ntebelela.
2A bashotli a ga ba ha go ’na? mi a leitlo ya me ga lea tsepegela mo li-khakacoñ tsa bona?
3Kia gu rapela, ’mpeela pelo ha go uena; e mañ eo o tla opanyañ liatla le ’na?
4Gone u bipetse pelu tsa bona tlaloganyo: ki gona u si kitlañ u ba gorisa.
5Eo o buañ le litsala ka borethe, maitlo a bana ba gague a tla nyelela.
6O ’mpeetse bathu seane; ki se se nyatsegañ ha pele ga bona.
7Mi leitlo ya me le hihiharicoe ki khakaco: mi tokololo cotle tsa me li cuana le moroti.
8Bathokhami ba tla gakhamalela seo se, mi eo o sinañ molatu o tla ico-seletsa moitimokanyi.
9Mi mosiami o tla tsegetsa tsela ea gague, mi eo o nañ le liatla tse ri itsekileñ o tla hela a thatahala.
10Mi kaga lona lotle, a ko lo boee lo ee: gone ga ’nkake ka bona letlale go lona.
11Malatsi a me a hetile, maikaelelo a me a khaocoe, eboñ megopolo ea pelu ea me.
12Bosigo bo hetogile motsegare mo go ’na; leseri le gauhe le lehihi.
13Rure ki lebelela bobipo bo tla na eintlu ea me: ki arile bolao yoa me mo hihiñ.
14Ki raea molete, U rre: le seboku, U mme, le khantsariake.
15Mi culuhelo ea me e kae yanuñ? mi e mañ eo o tla bonañ culuhelo ea me?
16Li tla hologela mo mephakale-goñ ea bobipo, mi re tla ikhutsa mogo mo loroleñ.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
