Lipesalema 17 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

PESALEM 17.¶ Morapelo oa ga Davide.

1YEHOVA, utlua tsiamisho, elatloko pico ea me; retsa ka tsebe morapelo ea me, o o builoeñ ka lipounama tse ri sinañ tsieco.

2A tsekisho ea me e coe ha pele ga gago; a maitlo a gago a lebe tse ri lekanañ.

3U lekile pelu ea me, u ’ntekotse mo bosigoñ, u ’ntekile, mi ga ua bona sepe, kaga se ki se gopotseñ; mi molomo oa me ga o kitla o tlola.

4Kaga litiho tsa bathu, ki ipuluki-le ka lehuku ya lipounama tsa gago mo tseleñ tsa mosenyi.

5Tsegeletsa tsamao tsa me mo metlaleñ ea gago, gore likhato tsa me li si shutisioe.

6Morimo, kia gu bitsa, gone u tla ’nkaraba; sekegela tsebe ea gago go ’na, mi utlua puo ea me.

7Shupa tsalano ea gago ea lorato e e gakhamatsañ, uena eo o gololañ ka atla sa gago se se siameñ ba ba gu ikanyañ, mo go bona ba ba ba cogelañ.

8’Mpuluka yaka nyetse ea leitlo; ’ncuba mo murutiñ oa liphuka tsa gago,

9Mo go sehatlogo sa baikepi ba ba ’nthopehatsañ, le baba ba me ba loshu, ba ba ’mphorileñ.

10Ba khurumericoe ka mahura a bona; ba bua bopeluumpe ka melomo ea bona.

11Yana ba rikanyeleritse tsamao ea rona; ba beile maitlo a bona go rona, ka go obamela ha hatsi;

12O cuana yaka tau, e e eletsañ go thopa, le yaka tauana e rutse mo maheloñ a bosaitsioeñ.

13Yehova, tloga u eme, tla a e si a tle, mo rige; golola moea oa me mo baikepiñ ka caka ea gago;

14Mo bathuñ ka atla sa gago, Yehova, mo bathuñ ba e leñ ba lehatsi, ba boshua yoa bona bo leñ mo botseloñ yonu; ba limpa tsa bona u li tlatsañ ka khumo ea gago e e shubiloeñ; ba tletse bana, mi ba tlogelela banyana ba bona tse ri setseñ tsa bona.

15 Mi ’na, ki tla leba sehatlogo sa gago mo tsiamoñ; ki tla khora secuano sa gago, mogañ ki cogañ.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help