1MI Bafiliseta ba tlabana le Bayeserela: mi banona ba Bayeserela ba tsaba ha pele ga Bafiliseta, ba oa ba bolailoe mo thabeñ tsa Gileboa.
2Mi Bafiliseta ba hitlela Saule le bomoroaue; mi Bafiliseta ba bolaea Yonatane, le Abinadabe, le Mileka-shue bomoroa Saule.
3Mi tlabano e le le thata go Saule, mi bahuri ba mara ba mo kuenisa; mi a kuenisicoe thata ki bahuri.
4Mi Saule a raea mokaberi libolao oa gague, Shomola caka ea gago, mi ’mphololetsa ka eona; gore e si re khotsa ba ba sa guerisioañ ba, ba si ’mphololetse, ba ’ncotla. Mi mokaberi libolao oa gague a gana; gone a boiha segolu. Ereha gona Saule o tsasañ caka ea gague, a oela go eona.
5Mi erile mokaberi libolao oa gague a bona ha Saule a shule, le ena a oela cakeñ ea gague, a shua nae.
6Mi Saule a shua, le bomoroaue ba le teri, le mokaberi libolao oa gague, le banona ba gague mogo botle ka tsatsi yeuo.
7¶ Mi erile banona ba Bayeserela ba ba le eintleñ e eñue ea mogorogoro, le ba ba leñ boseyeñ yoa Yoredane, ba bona ha banona ba Bayeserela ba tsaba, le Saule le bomoroaue ba shule, ba tlogela metse ea bona, ba tsaba; mi Bafiliseta ba ea ba nna go eona.
8¶ Mi ga rihala ka mosho, ka Bafiliseta ba ea go apola ba ba bolailoeñ, ba bona Saule le bomoroaue ba teri, ba namaletse mo thabeñ tsa Gileboa.
9Mi ba mo khaola tlogo, ba tsaea libolao tsa gague, ba li isa kua hatsiñ ya Bafiliseta tikologoñ, go bulela mo tluñ ea licuanco tsa merimo tsa bona, le mo bathuñ.
10Mi ba tsenya libolao tsa gague mo tluñ ea Ashetarota: mi ba kokothela mele oa gague ha lorakoñ loa Beta‐shana.
11¶ Mi erile banni ba Yabesha‐gileada ba utlua ga se Bafiliseta ba se rihetseñ Saule;
12Banona ba linatla ba nanoga botle, ba ea ka sigo yotle, ba tsaea mele oa ga Saule le mebele ea bomoroaue mo lorakoñ loa Beta‐shana, ba ea Yabesha, ba e hisetsa gona.
13Mi ba tsaea marapo a bona, ba a hitla tlatse ga setlare kua Yabesha, mi ba riha pisho go ya ka malatsi a seven.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
