Lipesalema 109 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

PESALEM 109.¶ Pesalem ea ga Davide, go Mooperi eo mogolu.

1MORIMO oa pako ea me, si ririmale;

2Gone melomo ea baikepi, le melomo ea batsietsi, e ’nkatlametse; ba buile kaga me ka loleme lo lo akañ.

3Ba ’ntikanyeletsa ka mahuku a kilo; mi ba tlabana le ’na, ki sina molatu.

4Ba baganetsi ba me ka eintla ea lorato loa me; mi ’na, ki mo thapeloñ.

5Ba ’ntuela molemo ka boshula; le lorato loa me ka kilo.

6Emisa moikepi gore a mo laole; mi a Satane a eme ha atleñ sa gague se se siameñ.

7Ere a sekisioa, a a latuharioe, mi a morapelo oa gague o ne boleo.

8A malatsi a gague a ne manye; mi a moñue a cule tihelo ea gague.

9A bana ba gague ba ne likhutsana, mi mosari oa gague e ne motlolagari.

10A bana ba gague ba ne bakuirii, le bakopi ka gale; a ba kope khakala le matlotla a bona.

11A matli molatu a tlose cotle tse o nañ naco; mi a baeñ ba thope ma-thata a gague.

12A go si ne ope eo o mo rihelañ boicuarelo; mi a go si ne ope eo o utluelañ likhutsana tsa gague botluku.

13A bana ba gague ba ba mo rularañ ba khaoloe; mi a leina ya bona le tlosioe mo sikeñ lo lo rularañ.

14A Yehova a gakologeloe tsiamololo ea bo‐rague; mi a boleo yoa mague bo si tlosioe.

15A li ne ka gale ha pele ga Yehova, gore a khaole khopolo kaga bona mo lehatsiñ;

16Gone a si ka a gakologeloa go shupetsa boicuarelo, mi a bogisitse monona oa khumanego le oa botloko; gore a bolaee eo pelu e thubegileñ.

17Yaka a ratile thogako, a e hitle go ena; yaka a si ka a rata go tsegahatsa, a e ne khakala go ena yalo.

18Yaka a ikapesitse ka thogako, yaka ka seaparo sa gague, a e tsene mo maleñ a gague yaka metse, le yaka loukuane mo marapoñ a gague.

19A e ne go ena yaka seaparo se o ikapesañ ka shona, le go na moitlamo o o itlamañ ka ona ka gale.

20A se, e ne tuelo ea baganetsi ba me e coa go Yehova; le ea ba ba buañ boshula kaga moea oa me.

21Mi Yehova Morena, ’nthusa ka eintla ea leina ya gago; ka le mororo boicuarelo yoa gago bo le molemo, ’nkholola.

22Gone ki humanegile, kia tloka; mi pelu ea me e tlabiloe mo teñ ga me.

23Kia ea yaka muruti o o ñotlegañ; ki kharakhatsioa yaka tsie.

24Mañuole a me a reketlesioa ki go bisa go ya; mi nama ea me ga e na monono.

25Ki se se khoyoañ mo go bona; eare ba ’nteba ba thukhuthe tlogo tsa bona.

26’Nthusa, Yehova, Morimo oa me; ’mpuluka kaha boicuareloñ yoa gago;

27Gore ba itse ha se e le atla sa gago; ha e le uena, Yehova, eo o se rihileñ.

28A ba rogake, mi uena tsegahatsa; ere ha ba tloga ba ema, a ba tlayoe ki litloñ; mi motlañka oa gago ena a a itumele.

29A baganetsi ba me ba apesioe ka litloñ; mi a ba ikhurumetse ka tsilohalo ea bona, yaka ka kobo.

30Ki tla baka Yehova segolu ka molomo oa me; mi ki tla mmaka mo gareñ ga bontsi.

31Gone o tla ema ha atleñ se se siameñ sa motloki, go mo golola go bona ba ba sekisañ moea oa gague.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help